Breaking News

Lenaneo le jwala peo ya khumo

03 May 2021

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o tsweletse ka go jwala peo ya khumo kwa kgaolong ya Boteti ka go abela barui ba dihutshane diphoko le diphelefu tse di tlhabolotsweng.  

Mme Badiretswemang Binda le Rre Lebitsang Shoba ba metse ya Xere le Rakops ka tatelano, ba nnile bangwe ba ba lesego go amogela mpho ya phoko le phelehu go tswa kwa go Rre Tsogwane mo boemong jwa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka Laboraro.  

Bobedi jo bo lebogetse dimpho ba bo ba solofetsa fa ba tlaa di tlhokomela.  

Mme Binda o tsene mo thuong ya dihutshane ka 2014 a thusiwa ke puso ka dipodi di le lesome le bone ka lenaneo la Nyeletsa Lehuma. 

A boa a segofala gape ngogola a thusiwa ka lenaneo la banana, go oketsa leruo mme a thusiwa ka dipodi di le masome a matlhano.  

Mo nakong eno, Mme Binda o ikgantsha ka dipodi di feta lekgolo mme maikaelelo a gagwe ke go rekisa bontlha bongwe jwa tsone go aga ntlo le go tlamela bana ba gagwe.  

A re phoko e e tlhabolotsweng e tlaa thusa go tlhabolola leruo la gagwe le la barui ba bangwe ba dihutshane mo kgaolong.  

Rre Shoba wa moraka wa Seokwane gaufi le Rakops le ene o iteetse legofi lenaneo la ga Tautona la dihutshane.  

A re lenaneo le le fitlhela a ntse a semeletse ka temo-thuo, e e tswang kgakala e le yone e belegang Batswana.  

O lebogetse phelehu e a e abetsweng a re e tlaa mo thusa go tlhabolola dinku tsa gagwe gore a kgone go di rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa godimo.  

Rre Shoba yo o dingwaga di masome mane le boferabobedi, o simololetse thuo a dirisa madi a gagwe mme o setse a na le dinku di le masome matlhano le bosupa.  

O kgonne go rekisa dinku tse dingwe ka lenaneo la LIMID go reka didiriwa tse di dirang lesaka la dikgomo mme mo nakong eno, o agile ntlo ka madi a dinku.  

Lenaneo la ga Tautona la dihutshane le ikaelela go thusa go fetlha khumo gore fa puso e sena go bona mmaraka wa dihutshane, Batswana ba kgone go rekisa dihutshane ka tlhwatlhwa e e kwa godimo gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bone le a Batswana ba bangwe.  

Rre Tsogwane a re go aba diphoko le diphelefu go tsamaelana le maitlamo a tebelelo ya setshaba ya 2036 e maikaelo a yone e leng go fetlha khumo le go tlhabolola Batswana.  

A re bolwetse jwa COVID-19, bo supile fa Batswana ba ka kgona go itirela mme a rotloetsa gore balemi barui ba ema ka dinao go ntsha dijo tse di lekang gore lefatshe le ijese.  

 

A re Batswana ga ba a tshwanela go itshetsa ka go rekisa dihutshane fela mme ba tshwanelwa ke go dira ditiro ka go ithuta go ntsha ditswa-temong le di tswa-thuong ga mmogo le go ithuta kapei ya nama ya dihutshane.   Lenaneo la ga Tautona la dihutshane le itebagantse le go rotloetsa barui ba dihutshane go tswelela ba dira go feta fa ba leng teng. BOPA

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : XERE

Event : Phuthego

Date : 03 May 2021