Breaking News

Ofisi ya sepodisi kwa Makopong e itumedisa banni

03 May 2021

Kgosi Vincent Phologo wa Makopong kwa kgaolong ya Kgalagadi a re kago ya ofisi tsa sepodisi kwa motseng oo e tlaa fokotsa seemo sa borukutlhi.

O boletse fa ofisi ya sepodisi e tsile ka nako e e maleba ka ba tswa kgakala ba lela ka tlhaelo ya mapodisi go ba thusa mo dikgangnyeng tsa borukutlhi jaaka bogodu jwa leruo, dititeo le kgokgontso ya bong tse ba ntseng ba di thusiwa ke mapodisi a Werda.

A re motse wa bone o gaufi le molelwane mme ba tshwenngwa ke dilalome tse di utswang leruo ba bo ba le tlodisetse kwa Aferika Borwa, se e bo e nna poelo morago ka e le lo ne le ba itshetsang ka lo ne.

Kgosi Phologo a re Mokopong o godile mme kago ya ofisi ke tharabolololo ya dikgwetlho tse morafe o ntseng o tshelela mo go tsone ka jaanong ba tlaa bona ditlamelo gaufi.

A re ofisi e tlaa thusa gape go fokotsa mosuke ka ba sepodisi mo nakong ya gompieno ba dirisa ofisi ya kgotla mme e le potlana go ba kgontsha go katologana go ya ka melawana botsogo ya COVID-19.

Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o kaile fa ofisi e simolotswe go agiwa ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phukwi mme konteraka e ne ya kgorelediwa ke tiego ya didirisiwa ka lebaka la COVID-19, tumalano e ne e le gore e bo e weditswe kgwedi ya Ngwanaatsele ngwaga o o fetileng.

O boletse fa madi a a tlaa dirisiwang mo kagong eo a tswa kwa lephateng la itshireletso, molao le thokgamo le le okametseng sepodisi.

Superintendent Ramatsia a re maikaelelo a ba sepodisi ke go atametsa ditirelo gaufi le metse e metona mme seo se tlaa tlhofofaletsa mapodisi tiro ya bone ka maikaelelo e le go atametsa bodiredi jo bo lekaneng le ditlamelo tse di maleba go thusa setshaba.

O tlhalositse gore ofisi eo e sa lekane le e kgolwane ya Werda, e tlaa kgona go rarabolola tlhaelo ya mapodisi ka jaanong go tlaabo go na le ba ba direlang teng mme seo se fokotse borukutlhi jo bo sa robatseng banni bogolo jang bogodu jwa leruo.

Superintendent Ramatsia a re go tloga 2019 go fitlha mo nakong ya gompieno, mapodisi a gatisitse dikgang di le lesome tsa bogodu jwa leruo kwa Makopong.

Mokhanselara wa Makopong /Draaihoek, Rre Moses Chimbombi o galaleditse puso go aga ofisi eo, a supa fa palo ya batho ba Makopong e godile.

Rre Chimbombi o tlhalositse fa ofisi ya sepodisi e le ditlhabololo tse ba saleng ba di emetse go itsa go latela ditirelo kwa Werda, dikhilomethara di ka nna masome a matlhano.

A re banni ba ba tlaa akola ditirelo di akaretsa go kwadisetswa loruo, go rurifatsa Omang le ditlankana, mekwalo ya maikano le tse dingwe.

 

Kago e, e akaretsa diofisi le kammore ee tla tshegetsang badira molato ka nakwana go thusa mo ditlhotlhomisong.BOPA

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MAKOPONG

Event : Phuthego

Date : 03 May 2021