Breaking News

Kgosi Mantries o bolokilwe ka Matlhatso

03 May 2021

Kgosi Joseph Mantries wa Khakhea kwa kgaolong ya Borwa o bolokilwe ka Matlhatso.

Go ne ga supega kwa phitlhong fa Kgosi Mantries e ne e le motho yo o bonolo e bile a le lorato mo bathong botlhe. 

Go boletswe fa e ne e le senatla se se neng se dira le batho botlhe.

Moemedi wa mokgatlho wa BOTASA, Kgosi Vincent Phologo wa Makopong, o tlhalositse fa Kgosi Mantries e ne e le leloko la tlhotlhwa ebile a le tlhaga mo ditirong tsa mokgatlho. 

A re loso lwa gagwe ga lo a tsisa mahutsana mo go ba masika le ditsala fela ka jaana lo amile batho ba le bantsi ba a neng a tshwaragane le bone.

E re ka jaana go tlhalositswe fa Kgosi Mantries a bolailwe ke COVID-19, Kgosi Phologo o ne a kopa puso go sekaseka tsamaiso ya mokento o o thusang go thibela segajaja seo gore dikgosi di kentiwe. 

A re dikgosi di bereka le batho ba ba farologaneng malatsi otlhe ka jalo ga go tlhoke gore ba kalwe ka dingwaga pele ga ba kentiwa.

Mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile, le ene o ne a kopa morafe wa Khakhea go tsweledisa seroudumo sa ga Kgosi Mantries ka a ne a itsege ka tlotlo le boineelo mo bathong.

O ne a gakolola gore ba tshware ka thata ba ipabalele kgatlhanong le COVID-19. 

A re ka segajaja se anama thata fa batho ba kgobokane, o bone go tshwanela gore ba emise diphuthego tsa morafe go fitlhela seemo se tokafala.

“Re bone go tshwanela gore re name re emisitse diphuthego mo kgaolong ya rona ka gore bolwetse jo bo rata thata fa batho ba phuthegileng teng,” Rre Reatile a tlhalosa.

E rile a tswa la gagwe, moemela kgosi yo mogolwane kwa Mabutsane, Kgosi Kgakgamatso Moletsane, a tlhalosa fa loso lwa ga Kgosi Mantries lo ba gapetse moemedi yo o nonofileng ebile a dirisanya sentle le morafe wa gagwe. 

A re e sa le moswi a bewa mo maemong a go etelela morafe pele, ga ba ise ba utlwe dingongorego dipe ka ene.

A re ka segajaja sa COVID-19 se tsisitse ketsaetsego mo ditsamaisong, go tlaa tsaya lobaka gore morafe wa Khakhea o nne le moeteledipele yo o tlhatlhamang Kgosi Mantries mme a tlhomamisa gore ba tlaa tswelela ba thusiwa ka tsotlhe tse ba di tlhokang go fitlhela seemo se boela mo taolong.

Kgosi Moletsane o kopile banni go tshwaragana jaaka ba tlaabo ba letile go nna le moeteledipele yo mongwe.

A re tirisano mmogo ya bone le go bopagana go ka itsa madiadia fa nako e fitlhile ya go nna le kgosi e nngwe.

Mogolwane wa tsa botsogo kwa kgaolong ya Borwa, Rre Christopher Chembe, o supile fa Kgosi Mantries e ne e le tshosoerweleng a netefatsa gore ditirelo tsa botsogo di tsamaya sentle mo motseng wa gagwe.

O kgothaditse banni ba Khakhea go tsaya ka tlhwaafalo melaetsa ya go thibela go anama ga COVID-19. 

A re e le ba botsogo, ba itlamile go gagamatsa dithuto tsa bone mo morafeng, mabapi le go iphemela mo bolwetseng.

A re ba tlaa buisanya le ditlhopha tsa mo motseng ka go farologana gore ba tshwaraganele go rutuntsha morafe mo go tseneletseng ka bolwetse.

Dr Chembe a re ka go setse go lemogilwe gore bolwetse bo anama fa go rileng, tsholofelo ya Batswana e mo go saleng melawana e e beilweng morago.

 

A re ntwa kgatlhanong le COVId-19 e ka fenngwa fa mongwe le mongwe a tsaya boikarabelo fa a leng teng. BOPA

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KHAKHEA

Event : Phitlho

Date : 03 May 2021