BA fitlhetswe ka matlalo a nkwe
02 May 2021
Mapodisi a Werda kwa Kgalagadi Borwa a tshegeditse banna ba le babedi go ba thusa ka ditlhotlhmiso, morago ga gore ba fitlhelwe ka matlalo a le mararo, a go belaesegang e le a bonkwe.
Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o tlhaloseditse BOPA fa ba ne ba longwa tsebe ke mongwe.
Superintendent Ramatsia a re babelaelwa, ba ba tlholegang kwa Werda le Hereford, ba fitlhetswe ka matlalo ao Moranang a le masome mabedi le bobedi mme mo nakong ya gompieno ba tshegeditswe ke mapodisi go thusa mo ditlhotlhomisong.
O boletse fa go belaesega maikaelelo a bobedi joo, jwa dingwaga tse di masome matlhano le boraro le masome a mane le boferabongwe, e ne e le go ya go rekisa matlalo mme mapodisi ba ba tshoganyetsa.
Superintendent Ramatsia o tlhalositse fa matlalo a tlaa romelwa kwa go bomaitseanape go ya go tlhatlhojwa gore ke a sebatana sefe.
O gakolotse banni ba kgaolo le setshaba ka karetso go ikgapha mo go tsomeng le go bolaya dibatana mo go seng ka fa molaong ka dingwe di le borai e bile di ka felela di bakile dintsho. Ends
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : potsolotso
Date : 02 May 2021