Tona wa temo thuo o aba diphoko
29 Apr 2021
Tona wa Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Rre Karabo Gare o abetse banni ba kgaolo ya Borolong diphoko ka Mosupologo.
Tona Gare o tlhalositse fa puso e tsweletse ka go thusa batho gore ba kgone go itshetsa, mme kabo ya diphoko tseo e le go thusa ba ba abetsweng go tokafatsa boleng jwa leruo la bone.
O ba kgothaditse go atisa leruo la bone, gore le ba solegele molemo, a tlatsa ka go re e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo, ba bone maduo a diphoko tseo mo masakeng a bone.
Rre Gare o akgotse Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go bo a tsile ka lenaneo la go aba diphoko le diphelefu, a re se se tlaa isa serodumo sa barui ba mo gae golo gongwe.
Mongwe wa ba ba abetsweng, Rre William Maoto wa Sekhutlhane o lebogetse mpho, mme a tlhalosa fa a tlaa e tlhokomela, a tlhalosa fa a filwe dipodi ka lenaneo la LIMID, mme tsa ata, a bo a kgona go ikagela le go tlhokomela bana.
Mopalamente wa kgaolo, Rre Eric Molale le ene o ne a aba diphelefu di le nne, le dikobo, mo mafelong a a farologanyeng a kgaolo eo, a tlhalosa fa a ne a rotloetsega fa a bona Tautona a dira tiro e ntle e.
O kopile botlhe ba ba abetsweng go tlhokomela leruo gore ba ikgodise mo botshelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : kabo dimpho
Date : 29 Apr 2021