Thaga e tlhorontsha balemi
29 Apr 2021
Balemi ba mabele ba setlhopha sa Mmakhuu kwa kgaolong ya Boatlaname, ba lela ka tshenyo ya thaga e ba reng e ba apesitse kobo ka letshoba e busetsa kwa morago maiteko a bone mo thobong e ba neng ba solofetse go le gontsi mo go yone.
Balemi ba tlhaloseditse BOPA bosheng, fa bontsi jwa dinonyane tsa mono ngwaga tse di neng di tlhasetse temo kwa kgaolong bo hekeetsa maiteko a gale a go hema tshenyo.
Rre Boago Moditsane yo o lemileng diekere tse masome matlhano ka fa tlase ga setlhopha sa Mmakhuu, a re go lwantsha dinonyane go ne go le bokete, go tlhoka ditsompelo mo go felelang go dira temo turu.
“Seemo sa nako eno se ne se le bokete mo re neng ra patelesega go oketsa dipalo tsa batho mo masimo, go thusa go leta ka go lemoga fa maiteko a go leka go di koba ka methale ya gale jaaka tiriso ya setshwantsho sa segootsane, a ne a sa tswe dipe,” Rre Moditsane a tlhalosa.
A re se, se ne se ba pateletsa go dirisa madi ka bokete, go hema tshenyo e e feteletseng e mo nakong eno e dirwang ke maphoi ka go ja mabele a a setseng a budule.
Rre Moditsane a re dikgwetlho tse a rakaneng natso mo temong mono ngwaga, ga nke di mo kgobe marapo ka a dumela fa e le dikgwetlho tse di tlang le temo mme e bile a na le tsholofelo ya gore wa mariga o tlaa dika a o orile.
Rre Gordon Modukanele ene a re le fa thaga e ne e befile, ba amilwe gape ke pula ka go ipoeletsa gangwe le gape mme ya babalela dithotse le dinawa tse di neng di golela kwa godimo di sa ungwe.
A re mo nakong eno, o na le tsholofelo ya go roba mabele a Setswana, a a bidiwang zakazaka, a a tlwalesegile thata kwa Tswapong ka one dinonyane di sa kgone go a palama ntateng ya gore a a obega fa di leka go a palama.
A re o tlaa iphimola dikeledi ka thobo ya ditloo le manoko tse a reng di dirile sentle e bile a kaya fa e le tsone tse a eletsang go ikaega ka tsone ka go lemoga fa di ka ntsha maduo.
Molemi wa masimo a Kgogo e ntse e le kwa kgaolong ya Boatlaname, Rre Phillip Monnawatsie le ene a re seemo sa tshenyo ya dinonyane tsa mono ngwaga, se ne se ka kgoba marapo fa molemi a ne a sena maikaelelo mo go se a se dirang.
A re ba ne ba tlamega go kgaolela mabele fa fatshe a ise a ome, go leka go fokotsa tshenyo ya temo ya diekere tse di lesome le borataro, tse di neng di senyega a di lebile ka matlho.
Rre Monnawatsie o supile fa mo nakong eno, ba bapotse phage ka mangana go lwantsha tshenyo ya dikgaka le dipeba tse jaanong di uputsang thobo e e seng kalo ya mabele a a kgaotsweng go tshabisiwa tshenyo ya dinonyane.
Molemisi wa kgaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Kgakololo Bafaletse a re lephata le lekile go thusa go hema tshenyo ya thaga e go lebegang e ne e thubile ka dipalo tse di boitshegang.
Rre Bafaletse a re le fa go nna go na le thologelo ya dinonyane gangwe le gape mo temong ya mabele, ba atle ba leke go tlhagisa balemi go di lwantsha ka go tshuba dintlhaga mabele a ise a butswe, go fokotsa kgolo ya dipalo mme go lebega ba sa leke go monela marulana pele.
“Maikaelelo ke go ikgata motlhala go ya go sekaseka bogolo jwa tshenyo e e ka tswang e diragetse le go bona ka fa re ka hemang ka teng go gola ga tshenyo e e tsweletse e go kaegang e dirwa ke dipalo tse dintsi tsa maphoi,” Rre Bafaletse a tlhalosa.
Mo nakong eno, go lemotshega fa go na dipalo tse dintsi tsa maphoi a maebarope, a one go kaiwang a okega thata fa mabele a budule. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : BOATLANAME
Event : potsolotso
Date : 29 Apr 2021