Breaking News

Ba sule ba sena go nwa khadi

28 Apr 2021

Mapodisi a Phitshane Molopo a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna ba le bararo ba tlhokafetseng mo malatsing a a farologanyeng kwa masimong a Phatana go bapa le Lorolwane mo kgaolong ya ga Ngwaketse morago ga go nwa khadi e go belaesegang e le yone e bakileng dintsho tse ka Labobedi.

Ramapodisi a Phitshane Molopo, Superitendent Thusego Kenyafetse o tlhalositse mo potsolotsong gore e rile ka Tshipi ba amogela pego ya gore monna wa dingwaga tse di masome marataro le borataro o fitlhetswe a tlhokafetse mo sekgweng go bapa le bonno jwa gagwe kwa Phatana.

O kaile fa borre ba bangwe ba babedi, wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa le wa dingwaga tse di masome a mararo le bone ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Sabata kwa Kanye ka Laboraro mme yo mongwe a tlhokafala ka Labotlhano fa yo mongwe a tlhokafetse ka Matlhatso.

Superitendent Kenyafetse o tlhalositse fa borre ba go belaesega ba ne ba anwa bojalwa le bomme ba le bararo. 

Mo go bomme ba, ba le babedi ba robaditswe gone kwa kokelong eo fa a le mongwe a ntshitswe ka Tshipi.

Supt Kenyafetse o tlhalositse gore mme wa dingwaga tse di masome mane le botlhano o mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso ka go belaelwa e le ene yo o neng a apeile bojalwa jo.

Ramapodisi o gakolotse batho go tabogela bongakeng fa ba sa ikutlwe sentle. 

O gakolotse batho gore ba emise go nwa majalwa a a itiretsweng mo malwapeng ka a ka nna borai mo matshelong a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GOODHOPE

Event : potsolotso

Date : 28 Apr 2021