VDC e abela sekole pholetshe
28 Apr 2021
Komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya kgotla ya Serorome kwa Palapye, e abetse sekole se sebotlana sa Kediretswe diemere tse pedi tsa dilithara tse masome a mabedi tsa pholetshe e e tshasiwang mo bodilong jwa ntlo.
Fa a amogela dimpho tse, Kgosi wa kgotla ya Serorome, Rre Samuel Maforaga o akgotse VDC go bo e rotloetsa bophepa.
Kgosi Maforaga a re VDC e arabile selelo sa sekole sa letlhoko la didirisiwa gape ba supile fa ba kgathala ka thuto ya bana.
O rotloeditse bogogi jwa sekole go tswelela ba rerisana le bone fa ba nang le tlhaelo teng, a re motho ga a thuse ka gore o abo a na le go le gontsi.
Kgosi Maforaga o rotloeditse bogogi jwa sekole go tsweledisa tshwaragano ya bone le bogogi jwa motse le komiti ya ditlhabololo tsa motse.
O supile matshwenyego ka majalwa a a dirwang mo malwapeng jaaka modaefoko, a re a dia bana go tsena sekole sentle ka gore a dirwa a bo a nwelwa fa thoko ga bone.
Fa a amogela dimpho, mothusa mogokgo Mme Dimakatso Disang a re VDC e ba file mpho e tona e e tlaa fetolang selebego sa matlwana a borutelo.
Mme Disang o akgotse VDC ya Serorome a re e bereka le bone ka dinako tsotlhe e bile ke bagakolodi ba bone.
A re VDC ya Serorome e bereka ka natla e direla sekole sa bone.
Modulasitilo wa VDC, Mme Catherine Bolele a re ba bone go tshwanela gore ba arabe selelo sa letlhoko la didirisiwa kwa sekoleng sa Kediretswe se se mo kgotleng ya bone.
Mme Bolele a re ba dira se ka tshwaragano le kgosi le mokhanselara, a tlhalosa gore ga se la ntlha ba thusa sekole se ka e ne ya re mo nakong e e fetileng, ba ba agela ntlwana ya borutelo.
Leloko la komiti wa batsadi le baruta bana, Rre Tshoganetso Mosheti a re VDC e dira tiro e tona ya go rotloetsa thuto ya bana.
Rre Mosheti a re ba tswelele ka go thusa puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : kabo dimpho
Date : 28 Apr 2021