Breaking News

Gare o lekola komiti ya ditlhabololo tsa motse

28 Apr 2021

Mopalamente wa Moshupa/Manyana yo gape e leng tona wa temo-thuo, Rre Karabo Gare o tlhaloseditse komiti kgolo ya ditlhabololo tsa motse (umbrella VDC) gore bolwetse jwa COVID-19 bo kgoreleditse gore o ka tshwara diphuthego tsa kgotla.

Fa a itekodisa komiti kwa diofising tsa gagwe ka Labobedi, Mopalamente Gare o supile gape gore ene le bangwe ba a berekang le bone, ba kile ba tshwerwa ka mogare wa corona mme se, sa mo paledisa go tswara diphuthego.

A re ke ka moo a boneng go le botlhokwa gore a lekodisanye le bagolwane ba motse jaaka magosana, makhanselara, bagolwane ba maphata, komiti kgolo ya ditlhabololo tsa motse, bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba le balemi-barui.

A re COVID-19 e amile lefatshe leno fela thata.

A re fa seemo se ntse jaana, mapolotiki ba bona monyetla wa go senya ba bangwe leina ntswa ba itse boamaaruri jwa kgang.

Rre Gare a re fa bolwetse bo simologa, lekgotla la mafatshefamatshe la botsogo, (WHO) le tlhalositse gore go seka ga tsenngwa polotiki mo dikgannyeng tsa bolwetse ka bo le borai e bile e se dinyana.

Mopalamente o kopile VDC go nna le tebelopele jaaka e le bone ba eteletseng ditiro dingwe pele, a re ba di dire ka boikanyego, boikarabelo le boamaaruri ka e le bone matlho a setshaba.

A re seemo sa COVID-19 se bofeletse puso matsogo ka fa morago.

A re ditiro dingwe tse puso e neng e di supile mo maitlamong a yone fa go iwa ditlhophong, ga di na go kgonega ka go sena madi ntateng ya bolwetse.

Mopalamente o ngongoregile ka badirelapuso bangwe ba a reng ga ba thuse Batswana sentle. 

A re ba tshwanetse go itse gore fa ba thusa motho ga ba direle ene ba direla dikokomane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : bokopano

Date : 28 Apr 2021