Breaking News

Banni ba abelwa ditanka

28 Apr 2021

Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo o galaleditse khamphani  ya Botswana Stock Exchange (BSE) go bo e dirile tiro e ntle ya go abela banni ba Lekgolobotlo ditanka tsa metsi di le pedi. 

Rre Letsholo o buile jalo ka Mosupologo a supa gore mpho e ya ditanka tsa metsi a selekanyo sa 10 000 litres e supa mowa wa lorato le tirisanyo mmogo ya Botswana Stock Exchange le morafe.

O boletse gore ditanka tse di tlaa thusa go santse go letetswe lenaneo la go goga metsi go tswa kwa bokone go tla kwa borwa, a tlatsa ka go re di tlaa thusa thata le mo kgwetlhong ya COVID-19, ka metsi a tlhokafala ka nako tsotlhe go tlhapa diatla.

E rile a rola ditanka tsa metsi, mogolwane go tswa kwa Botswana Stock Exchange, Rre Thapelo Tsheole, a bolela gore morafe wa Lekgolobotlo o lesego ka gore ba na le mopalamente yo o tlhaga, yo o ba kopelang dithuso.

A re ba a thusa mme fa ba sa kgone ba kopa ba bangwe go thusa, a tlatsa ka go re puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo go botlhokwa gore e thusiwe go tlhabolola lefatshe.

O ne a tlhalosa gore ba tsamaisa mmaraka wa diabe wa dipeeletso, a bolela gore madi a kgona go jewa kana a gola, a tlatsa ka go re Batswana ba tshwanetse go beeletsa gore ba nne ba tsaya karolo mo itsholelong ya lefatshe la bone. 

Fa a ntsha malebo,  mokhanselara wa kgaolo ya Ntlhantle/Lekgolobotlo, Rre John Taolo o ne a leboga mopalamente, a bolela gore o ba thusa ka dinako tsotlhe, ka go emela dilelo tsa morafe ka dinao. 

A re BSE e a tshephega, ka jalo a rotlotsa morafe go inaakanya le yone ka go beeletsa diabe.

Mo go tse dingwe, Rre Taolo o gakolotse banni go tlhokomela ditanka tseo, le gore ba kgalemele bana ba seka ba tshameka ka metsi. 

O ne gape a kgalemela ba ba nosang loruo ka metsi ao, a re ga go a siama, a metsi a dirisiwe sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : kabo dimpho

Date : 28 Apr 2021