Breaking News

Puso e ikemiseditse go boloka matshelo

28 Apr 2021

Mogokaganyi yo o itebagantseng le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, Rre Nkosiyabo Nkomazana o rotloeditse Batswana go tsaya mokento wa COVID–19 jaaka puso e laotse.

O buile jalo mo thuto-puisanyong e ba neng ba e rulaganyeditse bogogi jwa Old Naledi ka Labobedi, e maikaelelo a yone e neng e le go tsibosa ka maikaelelo a lenaneo la ARM READY for lemao, le go rotloetsa banni ba Old Naledi go tsaya karolo mo mokentong wa COVID-19.

Rre Nkomazana o tlhalositse fa lefatshe leno le tlaa amogela melemo ya COVID-19 ka go farologana, ka jalo a re e dirisiwe kwa ntle ga ketsaetsego.

Rre Nkomazana o tlhalositse fa mokento wa go itshireletsa kgatlhanong le COVID-19 o ne o aperwe ke mabarebare mme a re Batswana ba tshwanetse ba itse fa puso e batla go boloka matshelo a bone.

O ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a tseye mokento fa nako ya gagwe e goroga, go sa kgathalesege gore tumelo ya gagwe ya reng.

A re moo go tlaa thusa gore ba seka ba nna borai mo matshelong a ba ba tshelang le bone. 

Le fa go ntse jalo, Rre Nkomazana o ne a re mokento wa COVID-19 o na le di-tla morago fela jaaka mekento mengwe le mengwe e e kganelang malwetse.

O ne a tlhalosa fa mekonto yotlhe e kgona go tsisa di-tla morago mo bangweng, mme bangwe bone e sa dire jalo.

A re di-tla morago tsa mokento di ka tsaya malatsi, a tlatsa ka go re fa di tswelela, motho a kope thuso kwa bongakeng.

A re dingwe tsa di-tla morago tse di ka tshwenyang ke go opa ga tlhogo, go ruruganyana fa go kentilweng teng ga mmogo le mogote o o kwa godimo.

Rre Nkomazana a re Lephata la Botsogo le Boitekanelo le ipeetse melao e akaretsa go simolodisa dipuisanyo le go abelana ka ditsamaiso tsa lenaneo la mokento wa COVID-19 le go kgothatsana go tsaya lomao.

A re puso e ikaeletse go netefatsa gore bogogi gongwe le gongwe bo tseye karolo, jaaka go akarediwa gore ba kentwe, go nna basupi fa mokento o siametse go lwantsha bolwetsi. 

O tladitse ka go re nngwe ya melao ya bone ke go tsenya dithuto tse di maleba mo go beng gae, gore mongwe le mongwe a bo a kentilwe go fokotsa bogale jwa mogare wa COVID-19 mo setshabeng.

E rile a tswa la gagwe, mookamedi wa baoki ba kokelo ya Old Naledi, Mme Annah Motsewabeng o ne a kopa morafe wa Old Naledi go ikwadisetsa go kentelwa COVID-19.

Mme Motsewabeng o tlhalositse fa batho ba Old Naledi ba goga dinao go ikwadisa, a re ka letsatsi go tla batho ba ka tshwara lesome le bobedi, potlana fela thata.

A re go ikwadisa go tsaya nako, ka go na le dipotso dingwe tse di bodiwang, mme a re fa ba ikwadisitse pele, fa nako ya bone ya go tsaya mokento e tla, go ya go nna bofefo.

Ka jalo, o ne a kopa Batswana ka kakaretso go tswelela ba ikwadisetsa go kentwa, a tlatsa ka go re kwa Old Naledi go ikwadisediwa kwa Community Hall, diofisi tsa Water Utilities le kwa kokelwaneng.

Fa a bua ka dipalo mabapi le ba ba filweng lomao lwa COVID-19 mo Gaborone, Mme Motsewabeng o ne a re go setse go kentilwe batho ba le 6 090.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa komiti ya botsogo kwa Old Naledi, Mme Kenaope Majoo o ne a kopa gore barutabana ba akarediwe go nna ba ntlha go fiwa lomao lwa COVID-19.

Mme Majoo a re barutabana ba na le kgwetlho e ntsi ka ba kopana le matshwititswiti a bana ba ba tswanag kwa malapeng a a farologanyeng malatsi otlhe.

Ka jalo o ne a kopa gore ba akarediwe go fiwa lomao go sa kgathelesege gore ba dingwaga di kae kana ga ba na makoa ape. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Thuto puisano

Date : 28 Apr 2021