Khansele e ntshafatsa ditsela
27 Apr 2021
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o akgoletse Khansele ya Legare maiteko a yone a go ntshafatsa ditsela tsa Shoshong ka madi a a fetang P47 million.
Fa a bua mo bokopanong jwa gagwe le bodiredi jwa khansele eo, le boeteledipele jwa kgaolo ya Legare ka Mosupologo, kwa kgotleng ya Shoshong, Rre Tsogwane o supile fa bontsi jwa ditsela tse di mo gare ga motse, tse di dirwang ka ditena, di le botoka ka ga go tsamaye dikoloi tse di tonatona mo go tsone.
A re e bile di a tsamaega ka gore go tokafaditswe boleng jwa ditena tse di dirisiwang.
Morago ga go bona sekgala sa ditsela tse di tlaa dirwang, Rre Tsogwane o ne gape a etela kokelwana ya Shoshong, dikole tse dikgolwane, gammogo le se sebotlana, go bona seemo sa dikago le go itseela ka tsoo-pedi mo bodireding, ka dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone.
A re e re ntswa mo nakong ya gompieno puso e lebanwe ke letlhoko la madi ka ntata ya go tlhagoga ga COVID-19, itsholelo ya lefatshe e tlaa rudisiwa fa seemo sa segajaja se, se ka tokafala, ga mmogo le go bonwa ga metswedi e mengwe ya madi.
Ka jalo, Mothusa Tautona o ne a gatelela botlhokwa jwa go dira ka natla go tswa ka metlhala e mengwe ya go batla madi a go diragatsa ditlhabololo tse di botlhokwa mo matshelong a setshaba ka kakaretso.
O ne gape a akgolela Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi, go dira ka bojotlhe go lwantsha COVID-19, ka go tswa ka melao e e thata.
Rre Tsogwane o ne a gatelela gape gore bolwetse jo ga bo na kalafi, mme le yone mekento e lefatshe le tsweletseng go e amogela ga se kalafi, ke tshireletso, a tlatsa ka go re kalafi ke go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi le molora, kgotsa go dirisa sebolayamegare, go katologana ka sekgala sa dimmithara tse pedi le go rwala dibipa dinko le melomo.
Fa a lekodisa ka leeto la bosheng la ga Tautona Masisi kwa Mozambique, o tlhalositse fa le ne le le botlhokwa mo go tsiseng thitibalo kwa lefatsheng leo, go kganela go anamela ga dikgoberego tsa koo kwa mafatsheng a mangwe.
Mo go tse dingwe, Mothusa Tautona o rotloeditse gore go duwe ka methale e e ka thusang go thiba diphatlha tse dintsi tsa bogosi mo lefatsheng leno ka bophara.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong, o lebogetse Mothusa Tautona go tsaya matsapa go tla go lekola ditlhabololo tsa motse wa gagwe.
Kgosi Kgamane o ne a kopa gore ba fiwe koloi e nngwe go thusa mo go latediseng ba ba amaneng le ba ba tshwerweng ka mogare wa corona, ka jaana letlhoko la koloi le dira gore go nne bokete mo go ba botsogo go dira tiro eo ka botlalo.
Mo go tse dingwe, kgosi o ne a kopa gape gore, le ntswa madi a seyo, puso e sekaseke go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng, a tlatsa ka go supa kutlobotlhoko ka lehuma le le apereng balemi bangwe, ntateng ya dipula tse di neleng ka bokete bosheng, me tsa bodisetsa dijalo mo masimo.
Fa a lekodisa ka tiro e ba e simolotseng ya go ntshafatsa ditsela tsa fa gare ga motse, Mokwaledi wa Khansele ya Legare, Rre Godimo Garegope o tlhalositse fa maikaelelo e le gore tiro e bo e wetse Phukwi aya fifing.
Rre Garegope a re morago ga tshekatsheko ya tshenyego ya ditsela e e bakilweng ke merwalela, Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsanyo le ne la abela khansele madi a a fetang P47 million, go baakanya sekgala sa dikhilomithara tse di lesome le bosupa se se amilweng thata ke merwalela.
A re khansele e itlamile go dirisa madi ao sentle, gore e kgone e akaretse paakanyo ya ditsela di le dintsi, le go baakanya dikholobete.
Rre Garegope a re keletso ya bone ke gore moagi mongwe le mongwe a seka a tsaya sekgethe sa tsela se se fetang dimmithara tse di makgolo mabedi, masome a matlhano le botlhano, gore ba ba tsenye ba le mmalwa ba tle ba obe letsogo.
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o lebogetse Mothusa Tautona loeto lwa gagwe, a re le mo fa tsholofelo ya gore ditlhabololo tsa Shoshong di tlaa tokafala ka jaana a kgonne go iponela seemo sa tsone.
Rre Lesaso o lebogetse gape bodiredi jwa Khansele ya Legare go bo be eme ka dinao go ntshafatsa ditsela tsa Shoshong, a re se se tlaa thusa go tokafatsa matshelo a banni.
O ne a kopa gore go tsenngwe dipone tsa mo mekgwatheng, le gore go okediwe malao le dikamore tse bomme ba belegelang mo go tsone kwa kokelong ya Shoshong, a tlatsa ka go re ditlamelo ka bontsi di a tlhaela kwa kokelong eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : SHOSHONG
Event : bokopano
Date : 27 Apr 2021