Breaking News

Bagolo ba Tutume ba moono mongwefela

27 Apr 2021

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse a re palo ya batho e setse e godile mo dikgaolong tse dingwe mo go setseng go tlhokega gore dingwe dikgaolo-potlana di godisiwe go ikemela ka nosi.

Rre Autlwetse o buile jalo mo bokopanong jwa gagwe le magosi a metse ya Tutume ka Mosupologo. 

A re maikaelelo a bokopano joo ke go tsaya megopolo mo go bone mabapi le molawana kakanyetso wa go phatlalatsa dithata.

A re mo molaong oo, dikgaolo- potlana di tlaa neelwa dithata gore di godisiwe di kgone go itseela ditshwetso le go itirela letseno.

Mothusa tona o tlhalositse fa ka thulaganyo ya molawana oo, maphata a tlaa nna le melao e e nitameng e e tlaa dirang gore batho ba kgone go akola dithuso ka nako. 

Rre Atlwetse o kaile fa batho ba tlaa nna le seabe le go itse se se diragalang mo dikhanseleng tsa bone ka sengwe le sengwe se tlaa bo se direlwa mo pontsheng.

Magosi a Tutume le metse e e mo tikologong ba dumalane ka bongwefela jwa pelo ba tlhalosa fa ba tswa kgakala ba kopa puso go tsholetsa kgaolo-potlana ya Tutume go nna kgaolo e e ikemetseng ba lebile ka fa batho ba neng ba sokola ka teng go ya go bona dithuso dingwe kwa Serowe.

Kgosi Toteng Ndzonga wa Nkange a re kgaolo ya Legare e ntse e babalelwa ka bontsi jwa ditirelo di dirwa kwa go yone. 

Ka jalo, o tlhalositse fa seo se dira gore mangwe a mananeo a salele kwa morago ka lebaka la tlhaelo ya madi ka dikgaolo- potlana di le mmalwa di tsaya ditirelo kwa go yone.

A re ditiro dingwe di tsile go tsamaya sentle e bile batho ba tlaa thusiwa ka ponyo ya leitlho go na le pele kwa ba neng ba latela ditirelo dingwe kwa Serowe, kgang e e neng e baya bangwe ka fa mosing ba sena madi a go ka latela dithuso tseo koo.

Kgosi o ne a atla mogopolo oo, a re seo se raya gore le maemo a bogosi le one a tlaa bo a godisiwa.

Kgosi Shadreck Mphala-Mengwe le ene o ne a otlelela mo mafokong a dikgosi tse dingwe a supa fa seo se tsisa tshiamelo mo morafeng ka ba sale ba lela ka go bona kgaolo-potlana ya Tutume e  ikemetse ka nosi e bile ditlamelo di atumetse kwa bathong.

Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang o ne a kopa gore mogopolo oo wa go fetola dikgaolo-potlana dingwe go nna dikgaolo o potlakelwe.

Rre Tshabang a re ke gangwe le gape batho ba kgaolo-potlana ya Tutume ba ikuela kwa pusong fa  ba sa jesiwe di welang ke go latela ditirelo kwa kgaolong ya legare.

A re gape puso e tsenye leitlho thata kgang ya tshenyetso setshaba e a boletseng e bifela pele, a re mokgwa oo o tlaa nyeletsa itsholelo ya lefatshe.

Modulasetilo wa khansele- potlana ya Tutume, Rre Anthony Chebane o ne a lebogela tshwetso e e tserweng ke puso go diragatsa mangwe a maitlamo a yone.

Rre Chebane a re makhanselara a kgaolo ya Legare a tswa kgakala a lela ka kgang eo ya gore dikgaolo-potlana dingwe di tlhongwe dikgaolo ba lebile ka fa di anameng ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : bokopano

Date : 27 Apr 2021