Breaking News

Modise o motlotlo ka dinotshe

26 Apr 2021

Thuo ya dinotshi e buletse Rre Tshegetsang Modise wa Lesenepole dikgoro morago ga gore a e simolole ka 2012.

Rre Modise, ga se morui fela ka e a re go na le dithuto-puisanyo, a lalediwa go ya go tlhatlhelela ba bangwe ka thuo ya dinotshi. 

Rre Modise a re fa a simolola, o ne a na le lebokoso le le lengwe mme a kopa thuso ya lenaneo la Nyeletso Lehuma ka maikaelelo a go atolosa kgwebo ya gagwe.

Ya re ka 2015, kopo ya gagwe ya atlega, a thusiwa ka mabokoso a dinotshi a fera bongwe. 

Rre Modise o tlhaloseditse BOPA fa a roba gabedi mo ngwageng mme fa a robile sentle, lebokoso lengwe le lengwe le mo neela P6 000.

“Thuo e e fetotse botshelo jwa me le ba lelwapa lame ka ga re ke re lala le tlala e bile ke kgwebo e e ka isang motho golo gongwe,” Rre Modise a tlhalosa. A re dinotshi di ntsifala thata fa go na le dithunya.

“Dinotshi ga di je dithunya dingwe le dingwe, di ja dithunya tsa mokgalo, mosetlha, mosu le dithunya tsa ditlhare tsa maungo jaaka mango le banana,” Rre Modise a supa.

A re fa pula e na morago ga lebaka go bo go nna le letlhoko la dithunya, dinotshi di a tsamaya di ya go batla mafulo.

Rre Modise a re o kgonne go boloka dinotshi tsa gagwe ka o di lemetse ditlhare tsa maungo mo lwapeng gore di seka tsa ya le naga di batla dijo. 

A re dinotshi di itirela tsina gore di tle di tshele ka yone mariga kana fa go le leuba, pula e seyo.

“Fa dinotshi di simolola go loma batho, ke itse fela gore ke nako ya go roba sengwe ka di a bo di leka go sireletsa tsina,” Rre Modise a tlhalosa. A re mefuta ya dinotshi e meraro; ebong banna ba dinotshi, mmadinotshi le dinotshi tse di tlwaeleseg tse di lomang.

O tlhalositse gore fa dinotshi di tsamaya, mmadinotshi o sala a aswa ka o tlaa bo a bolawa ke tlala le serame ka o tshwanetse go nna a dikaganyeditse ka nako tsotlhe.

“Mmadinotshi ke ene a dirang tsina gape ke ene a ntsifatsang dinotshi. Ka letsatsi o dira dinotshi di le 3 000 mme o tshela dingwaga tse tlhano fela,” Rre Modise a tlhalosa. A re go na le ka fa dinotshi di buisanang ka teng, gape di dira ditiro tse di farologanyeng. 

O tlhalosa fa dinotshi di tlhaela mo Botswana, segolo jang fa go na le leuba. A re ga a na mathata le thekiso ka bareki ba gagwe ke bone ba ba mmapatsang mo motseng le kwa dikgaolong tse di mabapi e bile ba duelela kwa pele g. A re fa go ka nna le peo ya sethunya se se nnang teng ka mariga, thuo ya dinotshi e ka gola fela thata mo Botswana.

Rre Modise o rotloetsa ba ba nang le kgatlhego ya go rua dinotshi go inaakanyana le ene gore ba thusane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : LESENEPOLE

Event : potsolotso

Date : 26 Apr 2021