Segajaja sa COVID-19 se ketefatsa ditsamaiso - Kgosi Balebetse
25 Apr 2021
Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane a re bolwetse jwa COVID-19 jo bo tsweletseng ka go ketefatsa matshelo bo amile ditsamaiso tsa kgotla.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA ka Labotlhano, Kgosi Balebetse o tlhalositse fa bolwetse bo amile ditirelo tsa kgotla ka go sa tlhole go na le diphuthego tsa kgotla.
A re se se ama ditlhabololo tsa motse, ka diphuthego di le botlhokwa mo go lekodisanyeng le go rerisanya le morafe ka dithulaganyo tse di leng teng mo motseng.
Kgosi Balebetse a re bontsi jwa banni ba metse e e tlwaelesegileng ka leina la Dinokeng e e bapisitseng noka ya Madikwe, ba dirisana mmogo sentle le puso ka ba sala morago ditaelo tse di beilweng ke ba botsogo go lwantsha bolwetse jwa COVID- 19. A re le fa go ntse jalo, go nnile le dintsho tse dintsi tsa COVID-19 mo dikgweding tsa Tlhakole le Mopitlo kwa metsaneng ya Sikwane le Mabalane.
O tlhalositse gore morago ga gore dintsho di nne kgapetsakgapetsa, morafe o ne wa ithuta go le gontsi ka botlhokwa jwa go sala ditaelo tsa ba botsogo morago, a tlhosa gape fa a dirisana le dikgosana go gasa molaetsa ka botlhokwa jwa go sala morago ditaelo tsa COVID-19.
Kgosi Balebetse o supile fa go tlola molelwane ka bokukuntshwane, mo go tumileng kwa motseng wa Malolwane e le nngwe ya dilo tse di oketsang dipalo tsa bolwetse mo metseng ya dinokeng.
A re ba tshwaragane le lephata la taolo mesepele le ba sepodisi go emisa borukutlhi jwa go utswa dithoto di be di tlodisiwa molelwane ka bokukuntshwane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : Mmathubudukwane
Event : Potsolotso
Date : 25 Apr 2021