Khamphani ya ESDAK e gatetse pele
25 Apr 2021
Moeteledipele wa Khampane ya ESDAK, Mme Esther Letshwenyo a re khamphane eo, e e tlhamilweng ke banana ba le bararo ka thuso ya lenaneo la Nyeletso Lehuma ka ngwaga wa 2019, e tsweletse sentle le ntswa e lebanwe ke dikgwetlho.
Fa a tlhalosetsa BOPA ka khamphane eo ka Laboraro kwa Lesenepole, Mme Letshwenyo a re e ne ya re morago ga go lemoga fa batho ba sena kgatlhego ya go dira molora mo Botswana ntswa o dirisiwa thata, ba ikopanya e le banana ka boraro jwa bone go similodisa kgwebo ya go dira molora.
A re ba ne ba isiwa sekoleng kwa Gaborone lebaka la dikgwedi tse tharo go ya go rutuntshiwa ka go dira melora ka ba ne ba sena kitso epe ya go o dira mme sa bone fela e ne e le keletso ya go itlhamela kgwebo ya go nna jalo gore e tle e ba thuse go oba letsogo.
O supile fa ba ne ba rutelwa go dira melora e tshwana le liquid wash le pine jel, mme ka tlhogo ya monna e le matsatsa, e rile go tlhaga segajaja sa COVID-19 ba seka ba itshopara mme ba batla motho yo o ka ba rutang go dira sebolaa-megare, jalo seo sa oketsa mefuta ya dilo tse ba di dirang.
Mme Letshwenyo a re mo nakong eno ba mekamekane le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la lefelo ka mo nakong ya gompieno ba dirisa ntlo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse.
A re gape ba ne ba neelwa motshine mme ka go tlhoka lesego ga ba ise ba o dirise ka o tsile o se mo maemong a a siametseng go ka dirisiwa mme a tlhalosa fa seo se ba pateletsa go dira tiro e e bokete ya go duba melora ka diatla. Kgwetlho e nngwe o boletse fa e le theko e e boutsana.
Mme Letshwenyo a re e re ka ba lemogile fa nako tse dingwe ba tsenya letseno le le botoka fa ba rekisa kwa ntle ga Lesenepole ba ne ba felela ba thulanya ditlhogo go reka koloi mme a supa fa mo nakong eno ba santse ba e letile go goroga.
A re tshwetso ya go reka koloi e nnile ka ntlha ya go lemoga fa go rwala melora e e bokete ka mmele go ba babalela e bile go ba koafatsa, segolo jang ka gangwe le gape ba tsena ntlo le ntlwana go rekisa.
Mme Letshwenyo a re ba ipapatsa mo tsebeng ya maranyane a Facebook ga mmogo le fa go na le diphuthego tsa motse kwa kgotleng.
A re COVID-19 e amile kgwebo ya bone ka jaana ka nako ya kiletso mosepele ba ne ba sokola go bona didirisiwa, batho ba sa kgone go tla kwa kgwebong ya bone gape le bone ba sa kgone go tsena mo malapeng ba rekisetsa.
A re Batswana ba amogetse kgwebo ya bone ka bontsi jwa bone ba ba bone mo maranyaneng.
“Kgwebo e fetotse matshelo a rona ka ga re lale ka tlala e bile le rona go na le se re itsiweng ka sone.
Bana ba tsena dikole, rotlhe re kgonne go gokela motlakase le metsi kwa malapeng a rona,” ga tlhalosa Mme Letshwenyo.
Mme Letshwenyo a re go ipereka go monate mme go na le dikgwetlho tsa gone, segolo jang fa batho ba bereka ba le setlhopha ka batho ba seke ba kopana ba tshwana le ntswa kgwebo e batla tirisano mmogo, bopagano le bopelotelele.
O ne a gakolola banana go leka go ema ka dinao ba kopa dithuso ka puso e otlolotse letsogo go thusa botlhe ba ba nang le kgatlhego ka mananeo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Lesenepole
Event : Potsolotso
Date : 25 Apr 2021