Ba CTO ba thusa mongwe ka bone
25 Apr 2021
Badiri ba lephata la dikoloi tsa puso tsa kgaolo ya Legare ba agetse mongwe wa badiri ka bone ntlo ya dikamore tse tharo morago ga gore ntlo ya bone e jewe ke molelo.
Fa a bula ntlo eo semmuso kwa Machaneng ka Labotlhano, tona wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Thulagano Segokgo o ne a re mo makalaneng otlhe a a ka fa tlase ga lephata la gagwe, ba CTO ke bone ba ntlha go dira tiro ya go tshwana le e.
Ka jalo Rre Segokgo o ne a ba akgolela tiro e kgolo e ba e diretseng boora Obusitswe, a supa fa ba tlotlomaditse lephata la gagwe.
Tona Segokgo o ne a lebogisa gape le tona wa pele wa lephata la gagwe, Mme Dorcas Makgato seabe sa gagwe mo go thuseng mo kagong ya ntlo eo ka go reka tsotlhe go rulela.
O ne a kopa ba lelwapa loora Obusitswe go tlhokomela ntlo e ba e abetsweng, a kaya gore Modimo o arabile selelo sa bone, ka gore nako ya fa ba welwa ke seru sa go sha ga matlo, ba ne ba ipotsa gore ba tlaa bona thuso kae.
Kgosi Shadrack Sarona wa Machaneng o lebogetse tiro e kgolo e e dirilweng ke ba lephata leo, a supa fa ba sa le ba simolola fela morago ga gore ntlo e jewe ke molelo.
Kgosi Sarona o lebogetse go nna teng ga ga tona, gore e nne mosupi wa tiro e ntle e e dirilweng ke bana ba gagwe.
Fa a lekodisa ka fa go tsamaileng ka teng, mookamela lephata leo wa kgaolo ya Legare, Rre Mmusi Mmusi, o ne a re morago ga gore ntlo yoora Obusitswe e jewe ke molelo, ba ne ba itlama go ba tswa thuso ka jaana ba ne ba dira le mongwe ngwana wa lelwapa leo e bong Mme Onkemetse Obusitswe.
A re ba ne ba dira ditsela tsa go ka kgobokanya madi gore ba kgone go thusa, mme ba kopana le dikgwetlho fa bolwetse jwa corona bo tlhagoga ka jaana ba ne ba sa kgone go dira madi ka ditsela dipe tse di ka kgobokanyang madi kgotsa batho.
Rre Mmusi o supile fa ba ne ba seka ba ipona tsapa, mme ba tsena mo makalaneng ka go farologana go kopa thuso.
O kaile fa diofisi tsa bone tsa Mahalapye, Selibe-Phikwe, Serowe le Francistown ba ne ba tsenya letsogo go thusa mo go ageng ntlo eo, a tlatsa ka go re ba ne ba kopa dithuso gape mo go ba sepodisi, dikgolegelo, komiti ya ditlhabololo tsa motse, Ipelegeng, lebenkele la Build Quick le sekole sa Construction Industry Trust Fund, ba ba ileng ba seka ba ipona tsapa go ba thuso mo kagong ya ntlo eo.
E rile a tswa la gagwe, Mme Onkemetse Obusitswe yo o dingwaga di masome a mararo a re o ne a direla mo lephateng la CTO la Machaneng ka lenaneo la tirelo setshaba go simolola ka 2014 mme a fetsa ngwaga o o fetileng ka Phalane.
Mme Obusitswe o ne a tlhalosa fa e rile fela ntlo ya ga bone e sena go jewa ke molelo ka 2016 babereki ka ene ba mo ema nokeng gore ene le ba lelwapa la bone ba fiwe setsha ba boba se tlhabolole.
O supile fa a itumeletse kemo nokeng ya badiri ka ene, a kaya gore ene le ba lelwapa la gagwe ba na le fa ba latsang tlhogo teng e bile ba na le seriti. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Gaborone
Event : Pulo semmuso
Date : 25 Apr 2021