Baithuti ba pele ba Madiba ba gopola kwa morago
25 Apr 2021
Baithuti ba pele ba sekole sa Madiba kwa Mahalapye, ba dingwaga tsa 1984, 1985, 1989 le 2003 e rile bosheng ba abela sekole seo dimpho.
Fa a amogela dimpho tseo, motshwarelela mogokgo, Rre Shadreck Keatlholetswe o ne a re baithuti ba sekole seo ba pele, ba aba dimpho tseo ka gore ba batla go thusa kwa ba tswang teng, e se gore ba na le madi, jaaka fa mongwe a ka akanya.
Rre Keatlholetswe a re go botlhokwa go babalela dimpho tse ba di abetsweng.
Fa a lekodisa ka seemo sa mogare wa corona mo sekoleng, motshwarelela mogokgo o supile fa baithuti le barutabana bangwe ba ne ba tshwarwa ka mogare, mme mo nakong ya gompieno botlhe ba fodile e bile ba boetse sekoleng.
O supile gore le fa ba na le dikgwetlho, ba tsweletse ka go ipabalela mo mogareng wa corona.
Moemedi wa Madiba Class of 85, Rre Bernard Bolele a re ba motlotlo go abela sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri, di bolaya mogare, ga mmogo le dibipa dinko le melomo.
A re ba lebogetse gore ba bo ba kgonne go wetsa tiro eo, mme a leboga khamphani ya Nashua e ba neng ba reka mo go yone ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, e e neng gape ya abela sekole dipampiri tsa di A4.
Rre Galejewe Kago wa Class of 85 o supile fa tsotlhe tse ba di reketseng sekole di lopile dikete tse di masome a marataro le bobedi le makgolo a ferabobedi.
Mo boemong jwa Madiba Class of 89, Mme Mogogi Ramatshaba o supile fa ba itumeletse go bo ba kgonne go thusa sekole se ba neng ba tsena mo go sone, a tlatsa ka gore ba thusa ka gore ba na le keletso ya gore se ntshe baeteledipele ba tlhwatlhwa, ba ba tsogang ba emela lefatshe.
O supile gape gore ba ntshitse madi mo dipateng tsa bone go agele sekole fa go ka tlhapelwang diatla teng mo nakong e ya segajaja sa COVID-19.
Mme Ramatshaba o kgothaditse baithuti ba nako eno go dira ka natla, gore le bone ba tsoge ba direla sekole sa bone.
Madiba Class of 84 yone e abile dibipa dinko le melomo di le lekgolo le masome a matlhano, fa ba Class of 2003 ba abile dibipa dinko le melomo, melora le dibolaya mogare.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Olekotse Koma o boleletse baithuti gore go abelwa dimpho tseo, ke kgwetlho mo go bone gore ba dire ka thata go ntsha maduo a a nametsang.
A re bogologolo Madiba e ne e nna mo dikoleng tse tlhano tse di gaisitseng, mme mo nakong ya gompieno, maduo a sekole seo ga a itumedise.
Rre Koma o kgothaditse barutabana le baithuti gore ba seka ba swabisa ba rotloetsi ba bone, ka go ntsha maduo a a bokoa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Mahalapye
Event :
Date : 25 Apr 2021