Breaking News

Mokgatlho o fa sekole sa Shorobe bese

25 Apr 2021

Mokgatlho wa Elephant Havens o o tlhokomelang ditlou o abetse sekole se sebotlana sa Shorobe bese e e lopileng P435 000, seo e le maikemisetso a go imola baithuti dikgwetlho tse di ba lebaganeng.

Fa a rola bese eo semmuso kwa Shorobe ka Labotlhano, moeteledipele wa Elephant Havens, Rre Boago Poloko o tlhalositse fa ba ne ba itemogela gore baithuti ba na le letlhoko la sepalamo ka ba tsamaya sekgala se seleele go tswa mo metsaneng e e gaufi go ya kwa sekoleng.

Rre Poloko o ne a tlhalosa fa go tsamaya sekgala go ya sekoleng go baya baithuti ka fa mosing ka bontsi jwa bone bo felela bo tsena morago ga nako kwa sekoleng kgotsa ba tlolwa ke dithuto.

A re se, se ba baya mo diphatseng ka go ka iphitlhela ba kopanye le diphologolo tse di borai jaaka ditlou ka kgaolo eo e saila diphologolo tsa naga.

A re maikaelelo a bone e le ba Elephant Havens ke go bona maduo a baithuti ba sekole seo a tokafetse.

“Bana ba ke bone bokamoso jwa lefatshe leno, ka jalo go botlhokwa gore re ba rotloetse ka ditsela tsotlhe mo go tokafatseng thuto ya bone gore ba tle ba nne baeteledipele ba kamoso ba ba nonofileng,” ga bua Rre Poloko.

Fa a amogela bese eo, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Shorobe Mme Gaerolwe Letsholathebe o ne a akgola mokgatlho wa Elephant Havens go menagane, a tlhalosa fa ba dirile tiro e ntle thata e ba dumelang fa e tlaa tokafatsa maduo a baithuti.

Mme Letsholathebe o ne a tlhalosa fa bontsi jwa bana ba sekole se sebotlana sa Shorobe ba ba nnang mo metseng e e gaufi ba tsena thari kwa sekoleng fa gongwe ba lofa ka lebaka la sekgala se seleele se ba se tsamayang.

O ne a bolela fa bese eo, e tlaa thusa baithuti segolo bogolo mo pakeng eno ya mariga.

Fa a latlhela tlhware legonnyana, mogolwane wa tsa thuto mo kgaolong ya Maun, Rre Mosebo Molapisi o ne a rotloetsa barutabana le batsadi go ema nokeng se se dirilweng ke ba mokgatlho wa Elephant Havens.

A re thuto ya bana e ka tokafala fela fa ba tshwaraganye.

O ne a tlhalosa fa lenaneo la thuto le tlama gore baithuti ba nne ba le teng ka dinako tsotlhe go tsenelela dithuto, ka jalo mokgatlho wa Elephant Havens o dirile se se maleba ka seo se tlaa fokotsa go lofa ga baithuti.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Dingalo wa Shorobe o ne a tlhalosa fa ba ne ba ise ba tle mo seemong sa go ka rarabolola dikgwetlho tse di lebaneng baithuti ba sekole seo, ka jalo a leboga mokgatlho go bo o potlaketse go tsibogela kgang eo.  

Kgosi Dingalo o ne a lebogela seabe sa ba Elephant Havens mo ditirong tsa tsa bopelotlhomogi ka kakaretso ka di na le bokgoni jwa go tokafatsa matshelo a batho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgosietsile Bontsi

Location : Shorobe

Event : Kabo dimpho

Date : 25 Apr 2021