Mokokong o bolokilwe kwa Lentsweletau
22 Apr 2021
Setopo sa monna yo go bolelwang e le Rre Tebogo Mokokong se bolokilwe kwa Lentsweletau ka Laboraro.
Go nyelela ga ga Rre Mokokong bosheng go ne ga tsosa dikgoberego kwa Lentsweletau, mme setopo se ne sa bolokwa ka Laboraro morago ga go rolelwa batsadi
Mogolwane wa kanamiso mafoko wa sepodisi sa Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube, o tlhomamisitse go bonwa ga setopo sa ga Rre Mokokong kwa godimo ga lentswe la Tlhataganyane le le fa gare ga motse.
O tlhalosite fa ba lebogetse go bonwa ga masalela a ga Rre Mokokong yo setopo sa gagwe se tlhomamisitsweng ke batsadi ka diaparo tse a nyeletseng a di apere.
“Re lebogela gore kwa bofelong re kgonne go bona kwa Rre Mokokong a feletseng teng ra bo ra mo rolela batsadi ba gagwe go mmoloka, mme re santse re letile maduo a loaro a tsholofelo eleng gore a tlhomamise ka botlalo se se bakileng leso,” ga tlhalosa Rre Motube.
Malomaagwe moswi, Rre Loeto Mokokong, a re e re le ntswa ba amogetse go bonwa ga ngwana wa bone, ba tshwentswe ke tirisanyo mmogo e e neng ele bokoa ya ba sepodise.
A re e ne ya re morago ga go bega tiragalo ya go nyelela ga setlogolo sa gagwe, mapodisi a nna maoto tshupa go tsibogela kgang eo go fitlha morfe o bo o tswa mo taolong.
“Re tshwentswe thata ke gore go ntse go sena tekodiso epe mabapi le kgang ya go nyelela ga ngwana wa rona go fitlha re bona mapodisi e le lantlha morago ga go begwa ga masalela a baneng ba belaela ele a ngwana wa rona,” ga tshwaela Rre Mokokong
A re gongwe lekoko le le neng le batla le ne la tlodisa matlho go phuruphutsha Tlhatlaganyane ka jaana ba ne ba tsepamisa matlho ntlheng ya kwa dingwe tsa diaparo tsa moswi di neng tsa begwa teng.
Le fa gontse jalo Rre Mokokong o tlhomamisitse fa amogetse masalela a ngwana wa bone mo maitseboeng a letsatsi la Labobedi, mme ba lala ba dira dithulaganyo go mmoloka mo mosong wa letsatsi lele latelang.
Kgosi wa Lentsweletau Re Morulaganyi Makgasane, le ene o ne supa fa go bonwa ga ngwana wa boora Mokokong go thusa go busetsa kagiso le thitibalo ya motse le mororo setopo sa ngwana se bonwe sese mo maemong a mantle.
A re keletso ya gagwe ke go bona botsadi bo ka fiwa sebaka sa go ikgotsofatsa fa bana le dipelaelo go ditlhotlhomisa kwa bothokong go ntsha pelo pelaelo.
Seemo se ne sa tswa mo Taolong malatsinyana morago ga go nyelela gaga Rre Mokokong, mme seo sa felela ka tshenyo ya dithoto tsa puso le tsa beng, le go kgoreletsega thata ga ditirelo tsa lephata la Tribal mo Lentsweletau.
Rre Tebogo Mokokong o bonywe la bofelo kgwedi ya Mopitlo ele masome mabedi mme go nyelela ga gagwe ga baka tsogologo ya morafe.
Madubadube ao a ne a felela bangwe ba ba isitswe fa pele ga makgotla a ditsheko kwa Molepolole go lebisiwa melato ya go senya dithoto le go baka mekubukubu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : LENTSWELETAU
Event : Posolotso
Date : 22 Apr 2021