Breaking News

Mogokgo ga a itumelele maitsholo

22 Apr 2021

Mogokgo wa sekole se se sebotlana sa Malatswae kwa kgaolong ya Legare, Mme Johanna Kgopo, a re o tshwenngwa ke banni bangwe ba ba ikgatholosang melawana ya itshireletso kgatlhanong le mogare wa corona.

A re le ntswa sekole seo se sena palo ee kalokalo ya baithuti le barutabana ba ba fitlhwetsweng ka mogare wa corona, go sa saleng melawana morago go ka dira gore bangwe ba baithuti ba ba nnang kwa motseng ba fetisetse mogare mo go ba ba nnang mo sekoleng.

Mme Kgopo a re ba lemogile fa go na le malwapa mangwe a a gwebang ka bojalwa, mme ba bo rekisetsa bana bangwe ba sekole sa gagwe, mme ba nne foo ba tlhakatlhakane le banwi bao ba bojalwa go sa rwalwa di bipa melomo le dinko. 

A re se se diphatsa ka gore fa e le gore mongwe wa ba ba mo lefelong le go nwelwang bojalwa mo go lone o na le mogare, o ka o fetisetsa kwa baithuting ba ba foo, mme ba o anamise kwa sekoleng.   

Mme Kgopo o ne a ikuela mo banning ba Malatswae go reetsa dikgakololo tsa puso tsa go emisa kanamo ya COVID-19.  

A re fa e sale ngwaga ono o simologa, go nnile le baithuti ba le bararo ba ba fitlhetsweng ka mogare wa corona. 

A re baithuti bao ba setse ba fodile, ebile ba simolotse dithuto tsa bone mo dibekeng tse pedi tse di fetileng. 

O ne a supa gape fa ba ne ba nna le barutabana ba le bararo ba ba neng ba fitlhelwa ka mogare, mme ba ise ba simolole go ya tirong.

Mme Kgopo a re ba rotloetsa baithuti go itshireletsa mo mogareng ka go tlhapa diatla ka molora kgapetsa kgapetsa, go rwala di bipa melomo le dinko, go dirisa di bolaya mogare le gone go sa kgobokana.O supile fa morutabana mongwe le mongwe mo sekoleng sa gagwe a ititeile sehuba go fa baithuti ba gagwe dithuto ka COVID-19.

A re fela jaaka mo dikoleng tse dingwe mo lefatsheng leno, baithuti ga ba atamelane mo matlung a borutelo. 

A re fa baithuti ba tswa mo matlung a borutelo, ba ba thapetsweng go phepafatsa ba a phepafatsa.Mme Kgopo a re baithuti ba dingalo, bogolo jang mo go rwaleng di bipa melomo le dinko, ebile ba rata go kgobokana. 

A re baithuti botlhe mo sekoleng ba fiwa di bipa melomo le dinko, mme bangwe ga ba di tlhatswe, fa bangwe ba sa di tlhokomele mme di felele di latlhega. 

O ne a tlatsa ka gore bangwe ba baithuti ba amogana di bipa melomo le dinko, bogolo jang ba ba santseng ba le bannye mme ba nna mo sekoleng fa bangwe ba ba nnang kwa motseng ba di latlha, mme ba dirisa matsela a diaparo mangwe le mangwe.

Mogokgo a re gangwe le gape ba rotloetsa baithuti go tlhatswa di bipa melomo le dinko le go ba bontsha botlhokwa jwa go dira jalo. 

O ne a supa fa go le botlhokwa gore ba nne le di bipa melomo le dinko tse di tla nnang di neelwa baithuti ba ba senang tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MALATSWAE

Event : Phuthego

Date : 22 Apr 2021