Breaking News

Mogolwane wa thuto o a kgola sekole sa Serorome

22 Apr 2021

Mogolwane wa thuto go tswa kwa moding kwa Palapye, Mme Didimalang Mmemo, o akgoletse sekole se se botlana sa Serorome maduo a mantle a lekwalo la bosupa.

O ba akgotse jalo kwa moletlong wa go ipelela maduo ka Laboraro, a tlhalosa fa sekole seo se tsere maemo a ntlha kwa kgaolong ya Palapye mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa tsa ngwaga wa 2020.

A re sekole seo se dirile ditso ka go gapa maemo a ntlha ka matshwao a AB 76.2 per cent  le ABC 94.3 per cent.

Mme Mmemo o gwetlhile barutabana, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana le ba-na-le-seabe go tswelela ka go tshegetsa ngwao kana mokgwa o ba o dirisitseng go ntsha maduo.

A re maduo a, a supa fa sekole  se na le boiteledipele jo bo nonofileng le tshwaragano ya ba-na-le-seabe. 

Mme Mmemo  a re maduo a mofuta o, a dira gore batsadi ba rate sekole le go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.

O akgotse barutabana a re ga baa kgobiwa marapo ke segajaja sa COVID 19 ka ba dule ka methale ee ba kgontshitseng go wetsa dithuto tsa bana.

O ba rotloeditse go dira ka natla le ntswa ba na le dikgwetlho tsa tlhaelo ya didirisiwa le  letlhoko la matlwana a borutelo. 

Mothusa mogolwane wa thuto kwa  kgaolong ya Palapye, Rre Shandulo Maphorisa, o boletse fa dikopi tsa phenyo di dikologa le dikole tse di fentseng ngwaga le ngwaga.

Rre Maphorisa a re mopalamente wa pele wa Palapye, Rre Moisiraela Goya o ne a di reka go rotloetsa thuto. 

A re Rre Goya o ne a  dira se go rotloetsa dikole tse di dirileng sentle.  

Mogokgo wa sekole seo, Mme Kgomotso Kgosiepelo, a re ba kgonne se fela ka go ikanya modimo le ka tshwaragano ya barutabana, batsadi, baruti le ba-na-le-seabe ba bangwe.

Mme Kgosiepelo a re sekole sa bone se  balelwa mo dikoleng tse di dirang sentle e bile se tsholeditse kgaolo ya Palapye. 

A re toro ya bone e ne e le go fitlhelela maitlamo le maikaelelo a lephata la thuto selo se a reng baithuti ba lekwalo la bosupa ba 2020 ba se arabile.

Mme Kgosiepelo a re barutabana ba lekwalo la bosupa ba ne ba bereka ka thata, bosigo le motshegare le ka mafelo a beke tota.

Modulasitilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Gillian Kwelagobe, o ne lebogela tshwaragano ya  ba-na-le-seabe ba. 

Rre Kwelagobe a re barutabana ba bereka le bone ka lerato selo se dirang gore sekole se dire sentle

O ne a supa fa a tshwenngwa ke bana bangwe ba ba sa tseneng sekole sentle a kopa batsadi go netefatsa gore bana ba ya sekoleng letsatsi le letsatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Moletlo wa go ipelela maduo

Date : 22 Apr 2021