Ba thubilwe dipelo ke phane
22 Apr 2021
Banni ba Gungwe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ba thubilwe dipelo ke gore monongwaga phane ga e a gola.
Mo potsolotsong Laboraro, Kgosi Sonnyboy Buka, o tlhalositse fa morafe o ne o tsere diteseletso tsa go bapala phane ka bontsi mme ba ngomolwa pelo ke gore phane e ne e swa e santse e le nnye.
A re phane ya monongwaga e ne e le ntsi go gaisa dingwaga tsotlhe ka jalo e feletse e tlhaelwa ke dijo ka ntlha ya gore ditlhare ga di kalo kwa Gungwe.
Kgosi Buka o supile fa phane e ne e fologa ditlhare e le nnye go batla dijo mme ka go tlhoka lesego e gailwe ke batho, leruo le dikoloi.
O supile fa phane e le setshidi se se jang thata, ka jalo se tlhoka sekgwa se se nonofileng le pula e ntsi go gola. A re o tshwenngwa ke gore phane ga e na go nna teng mo pakeng ee tlang ya Moranang ka ntlha ya gore ga ea ikepela mo mmung.
Kgosi Buka o supile fa bontsi jwa phane monongwaga bo bakilwe ke gore phane ya ngogola ga ya bapalwa ka batho be ne ba le mo serubing, mme seo sa baka gore seboko se ikepele ka bontsi a tlatsa ka gore serurubele sa yone se ne sa nna se ntsi, mme se beela mae gongwe le gongwe.
Kgosi a re o solofela gore seemo se ga se na go tsisa boitlhobogo mo bathong.
O rotloeditse morafe go sala morago ditaelo tsa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ka go tsaya diteseletso go tlhomamisa gore matlotlo a tlholego aa babalesega.
Kgosi Buka a re masalela a phane ee suleng e le nnye a santse a tletse mo mebileng le ka fa tlase ga ditlhare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : GUNGWE
Event : Posolotso
Date : 22 Apr 2021