Breaking News

Tautona o gakolola baithuti

21 Apr 2021

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o gakolotse baithuti ba sekole se segolwane sa Mariba kwa Mabule go ineela mo thutong le go obamela melawana ya COVID-19.

Tautona Masisi o buile se ka Labobedi fa a ne a etetse kwa motseng oo go abela ba-na-le bogole dijo.

O ne a tlhalosa fa thuto e le yone ka ba isang golo gongwe mo botshelong.

Tautona Masisi o ne a fa sekai sa gore o kile a nna morutabana, mme a supa fa a le motlotlo gore baithuti ba aneng a ba ruta bane ba dira sentle thata ka jalo a kgothatsa baithuti ba Mariba gore le bone ba ithute fela thata.

O ba gakolotse gore ba reetse ditaelo tsa barutabana gore ba kgone go dira sentle mo dithutong.

O ne a gakola baithuti ba go tswelela ka go obamela melawana ya COVID-19, a supa fa nako nngwe bolwetse jo bo tlaabo bo fedile.

Tautona Masisi a re o aitse gore go bokete mo go bone ka e le bana mme a ba kopa go tlhapa matsogo kgapetsa kgapetsa le gone go katologana gore ba seka ba tshelana mogare.

 O ne a ba kopa gape go ikgapha go tlola molelwane, ka go dira jalo go ka ba baya mo diphatseng tsa go anamisa le go tsenwa ke mogare wa COVID-19. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : MABULE

Event : Phuthego

Date : 21 Apr 2021