COVID-19 e ruta banana go iphataphatela
20 Apr 2021
Segajaja sa COVID-19 se rutile banana bangwe go tswa ka maano a go itshetsa.
Bangwe kwa Serowe ba ba neng ba dira ditiro tse di farologaneng jaaka dithendara tsa go dira ditsela, go nna le ofisi e go itseelang ditshwantsho mo go yone le go dira ditiro tsa nakwana, ba tsoga moso mongwe le mongwe ba ya kwa marekisetsong tiro ya bone e le go kapa ditshwantsho.
Banana ba ba tsaya mongwe le mongwe fela yo ba mmonang kwa marekisetsong setshwantsho, a lemoga kana a sa lemoge gore o tsewa setshwantsho.
Fa yo o tserweng setshwantso a se kgatlhegela o duela P5 a bo a se romelelwa mo mogaleng wa letheka.
Se se makatsang ka banana ba ke gore go na le lefelo lengwe le ba kopanelang kwa go lone mme mongwe le mongwe wa bone a tshwere sekapaditshwantsho sa gagwe mme ba nne motshegare otlhe koo ba tsaya batho ditshwantsho.
Ba re mo letsatsing ba kgona go dira 400.
Mongwe wa banana ba, Rre Moses Mokalake wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe a re tiro e ba e tsaya fela jaaka tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi ka ba itshetsa ka yone ebile ba sala morago ditaelo tsa itshireletso mo mogareng wa COVID-19.
A re banni ba Serowe ba ba amogetse mo bangwe ba kgonang go tla kwa marekisetsong go ya go itsaya ditshwantsho fela mme se se a ba rotloetsa.
A re pele ga COVID-19 e tlhagoga, o ne a ithutela go dirisa khomputara kwa motlobong wa dibuka kwa Shoshong mme ka natata ya melawana e e neng ya bewa go kganela kanamo ya bolwetse, a seka a tswelela ka go tlhoka lefelo le le phuthulogileng go letla gore ba katologane.
Rre Mokalake o supile fa a ise a fetsa dithuto tsa gagwe mme yare go akanya maano a go itshetsa a felela a reka sekapa ditshwantsho se mo gompienong a se dirisang.
A re le fa COVID-19 e le borai, e mo thusitse go itshekatsheka ka nako ya kiletso mesepele mme mo nakong eno ga a ikaega ka batsadi gore ba mo tshetse jaaka pele mme ebile o kgona go ba thusa fale le fale.
Rre Antsheng Orerile yo o dingwaga di masome mabedi le ene fela jaaka banana ba bangwe o itshetsa ka go kapa ditshwantsho mme pele o ne a direla mokgatlho wa Sentebale o o neng o itebagantse le go rotloetsa bana le banana ba ba amilweng ke mogare wa HIV mme erile morago ga mogare wa COVID-19 setlhopha sa bone sa phatlalala, mme a reka sekapa ditshwantsho go itirela madi.
A re ga a ipone tsapa ka a lemogile fa go na le pharologano go na le fa a ntse fela kwa lwapeng.
O tlhalositse fa a na le lerato le le ntsi la go kapa ditshwantsho mme a rotloediwa ke bangwe mo maranyaneng ba tiro ya bone e leng go tsaya ditshwantsho.
Banana ba bangwe ba ba mo setlhopheng se, Rre Nelson Phutietsile, Thusano Badubi le Pako Makgothwane ba re pele ga COVID-19 ba ne ba sa itse ditoro tsa bone mme mo nakong eno ba a di itse ka e tlaare fa lephata la banana ba bulela gore banana ba kope madi a go ipulela dikgwebo, e nne bone ba ntlha go iteka lesego ka ba batla go bula dikgwebo tse di amanang le go tsaya ditshwantsho.
Ba supile fa go tlhola kwa marekisetsong go ba thusa ka ba kgona go bona tiro ya go tsaya ditshwantsho nako ya manyalo kwa diofising tsa ga molaodi, meletlo e mebotlana ya letsatsi la matsalo le ba ba batlang go tsaya ditshwantsho tsa ba malwapa a bone.
Le fa COVID-19 e digile kgwebo ya go tsaya ditshwantsho, banana ba, ba re ga go tshwane ka ba kgona go tsaya ditshwantsho mo nakong e e khutshwane mme ba nne le letseno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 20 Apr 2021