Breaking News

Puso e tlhabolola dihutshane

20 Apr 2021

Tona wa Tlhabololo temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Rre Karabo Gare, a re puso e tsweletse ka maitlamo a yone a go tlhabolola thuo ya dihutshane le go batlela Batswana mmaraka o o nonofileng.

A re dipuisanyo tsa go batla mmaraka kwa mafatsheng a sele di tsweletse, le ntswa di ne tsa kgorelediwa ke kiletso mesepele ka ntlha ya segajaja sa COVID-19.

Rre Gare, yo gape e leng mopalamente wa Moshupa/Manyana, o buile jalo kwa merakeng ya Matlhaganyane le Polokwe kwa a neng a abela barui ba le babedi phoko le phelehu. 

Dihutshane tseo ke bontlha bongwe jwa lenaneo la ga Tautona la go rotloetsa thuo ya dihutshane. 

Di abetswe Rre Ronald Moatlhaping le Rre Ranko Matsheka.

O ne a rotloetsa Batswana go tlhwaafalela go rua dihutshane ka jaana di ka ba direla dipoelo tse di ka ba ntshang mo lehumeng. 

A re lephata la gagwe le na le tshepho ya gore dipuisanyo tsa mebaraka di tla a wela mme Batswana ba nne le sebaka sa go gweba ka leruo la bone.

A re le ntswa lenaneo la ga Tautona le setse le abile dihutshane di le lekgolo le lesome le bone mo dikgaolong tsotlhe tsa botlhophi, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o bone go tshwanela gore a tswelele ka go rotloetsa barui go godisa thuo ya dihutshane.

A re Rre Moatlhaping o abetswe phoko ya boleng jo bo kwa godimo go lebeletswe gore ke monana yo o tlhaga ebile a dirisa maranyane mo thuong ya gagwe.

O tsweletse ka go tlhalosa fa bopelotelele le bonatla jwa ga Rre Matsheka le jone bo lemogwa ka jalo go tshwanela gore a fiwe phelehu.

A re puso ga e kgothatse banana fela mme e tswelela e lemoga seabe sa bagolo ba ba tswang kgakala ba ruile ebile ba dirisa leruo go tlhabolola matshelo a bone.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Tom Kontle a lebogela puso go bo e tsile ka lenaneo le le itebagantseng le konokono ya botshelo jwa Motswana.

Le fa go ntse jalo o ne a kopa puso gore e seka ya baya bagolo ka fa mosing fa go dirwa mananeo ka jaana le bone ba na le bokgoni jwa go thusa go godisa itsholelo.

E ne ya re a leboga Rre Moatlhaping a akgolela Tautona mogopolo wa go kgothatsa banana go rua.A re o na le tshepho ya gore phoko e a e filweng e tlaa tokafatsa lesaka la gagwe mme e godise le dipoelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MOSHUPA

Event : Kabo dimpho

Date : 20 Apr 2021