Go botlhokwa go tsaya mokento
19 Apr 2021
Go bolelwa fa bagolo bangwe kwa Kokotsha kwa kgaolong ya Kgalagadi ba sa tsaya mokento wa go thibela mogare wa corona beke e e fetileng.
Mongwe wa bagolo koo, Rre Hermanus Titus, wa dingwaga tse masome a ferabobedi le boraro, o tlhalositse mo potsolotsong ka Matlhatso gore ga a ikwadisetsa go kentiwa morago ga go utlwa dipolelo tse di farologanyeng ka mokento oo.
Rre Titus a re dingwe tsa dipolelo tseo ke gore fa motho a sena go kentiwa, mme a na le malwetse a mangwe a a sa tshelanweng, mokento oo o kgona go remisa madi, mme motho a tlhoke go tsoga sentle le go feta.
O tsweletse a tlhalosa gape fa go nnile le dipego tsa gore batho bangwe ba le babedi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo morago ga go kentiwa.
Rre Titus a re badiri ba kokelwana ya Kokotsha ba mo tlhaloseditse botlhokwa jwa go kentiwa le bodiphatsa jwa go tlhoka go tsaya mokento oo ka botlalo, mme a ikgethela gore a seka a kentiwa.
A re go botoka go tlhokafala ka fa tlholegong go na le go tlhokafala a sena go tsaya mokento.
Kgosi wa Kokotsha, Mme Edith Bimbo, ene o ne a rotloetsa banni ba motse oo go tsaya mokento.
A re mafatshe otlhe a mo letsholong la go sireletsa sika loo motho ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba lemoge seo.
A re o ne a ikwadiseditse go tsaya mokento oo, mme ga a a ka a kentiwa beke e e fetileng ka lebaka la gore palo ya batho ba ba neng ba ikwadisitse mo motseng oo e ne ya seka ya goroga kwa go lesome, a tlatsa ka gore ka letsatsi la go kenta go ne ga tla bagolo ba le babedi fela.
O tlhalositse gore ba botsogo ba supile fa go sa kgonagale gore ba kente palo e e ko tlase ga lesome ka gore mokento o ka senyega.
Kgosi Bimbo a re ga a itse se se ka tswang se iteile batho tsebe gore ba seka ba ya go tsaya mokento ka letsatsi le le beilweng, le ntswa ba ne ba ikwadisitse.
A re o lemogile gore go na le bangwe ba ba rotloetsang batho gore ba seka ba ya go kentiwa ka gore mokento oo o ka tswa o bolaya.
O ne a gakolola banni gore ba seka ba itewa tsebe ke dikgang tse, a tlhalosa fa ba botsogo ba tsweletse ka go kenta, a re fa mokento oo, o ne o bolaya, ba botsogo ba ka bo ba sa bolo go o emisa.
Kgosi Bimbo a re lengwe la mabaka a gore bangwe bogodi ba ba neng ba ikwadiseditse go tsaya mokento ba seka ba ya go o tsaya e ka tswa ele gore ga ba utlwa gore mokento o tsewa leng, ka gone go sena segoagoe go ba gakolola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KOKOTSHA
Event : Posolotso
Date : 19 Apr 2021