Serule o akola ditlhabololo
18 Apr 2021
Ditlhabololo di oka batho ba le bantsi ba bangwe ba bone ba felelang ba thibelela mo lefelong le le tlhabologang.
Serule, kwa kgaolong ya Legare, ke mongwe wa metse e e boneng palo e ntsi ya batho mo dingwageng. Ba ne ba okiwa segolo bogolo ke seporo se se fetang mo motseng oo.
“Batho ba ba neng ba thapilwe go dira seporo,ba ne ba nna le kgatlhego ya go thibelela gone fa ba berekelang teng, mme dipalo tsa nna tsa gola fela jalo go fitlhelela re kgona go nna motse,” ga bua jalo Kgosi Gothatamang Mudzingwa.
A re Batswana ba ba neng ba na le meraka mo tikologong le bone ba ile ba atamela kwa Serule.
Kgosi a re go atamela ga bone go ne go ba thusa thata ka ba ne ba pega dikgomo tsa bone mo tereneng go di isa kwa matlhabelong, ka jalo go ne go dira matshelo a bone motlhofo.
Kgosi Mudzingwa a re Serule o simolotse a le kwa boseja ga noka ya Bonwatlou, mme erile go lemoga dipalo tse di kwa godimo tsa batho, wa fudusetswa kwa ntlheng e nngwe ya noka, go lebilwe gore go ka thusa gore motse o kgone go anama sentle.
“Go santse go na le matlotla a mabentlele, masaka a neng go tlhatlhelwa dikgomo teng go isiwa kwa matlhabelong le matlola a go neng go rekisiwa leokwane teng,” a tlhalosa.
Serule o agilwe ka dikgotlana di le nne, ebong Botalaote, Basimane, Mokwena le Borotsi, mme ka motse o gola ka dipalo tse di kwa godimo, go dirilwe dikgotlana tse pedi tse disha ebong Mothoathubega le Leupane.
Kgosi Mudzingwa a re dipalo tsa banni ba Serule di tsweletse ka go gola e bile motse o akola ditlhabololo, a tlhalosa fa tsela ya Mabeleapodi/Serule ele gaufi le go fela.
A re tsela e e ya go thusa barui go tsamaela kwa merakeng ya bone o le go ya kwa Serowe, ka ebile banni ba Serule ba tsaya ditlamelo kwa Serowe.
A re go dirwa ga yone go dirile gore bana ba Serule ba bangwe ba obe letsogo ka go bona mebereko mo khamphaneng e e dirang tsela.
A re bangwe ba itiretse kgwebo ya go rekisa dijo kwa lefelong le, fa bangwe ba akola madi a khiriso ya matlo.
Kgosi a re ba solofetse gore tsela e ba tsisetse dikgwebo.
Serule o ikgantsha gape ka ditlhabololo tse di akaretsang ofisi ya sepodisi, lefelo le gokalwang diteraka tsa megobagoba tse di tswang mo mafatsheng a mabapi, dikgwebo, sekolo se se golwane sa Bonwatlou le se se botlana sa Serule.
A re lefelo la diteraka tsa megobagoba le thusitse banni ka go itshimololela dikgwebo bogolo jang tsa go rekisa dijo le tsa boroko jwa batho ba ba fetelang kwa mafelong a a kgakala.
Mo godimo ga se, a re Serule o na le kokelwana le bodiredi jwa puso.
Kgosi Mudzingwa a re motse wa gagwe o santse o se maswe maswe mo borukutlhing.
Le fa go ntse jalo, a re ba santse ba lela thata ka metsi a a letswai, mme ba kopa puso go fefosa go simolola tiro ya go goga metsi kwa letamong la Letsibogo.
Mo godimo ga se, a re le ntswa ditlhabololo di ba tsiseditse tse di monate, di na le go tla ka ditlamorago bogolo jang tsela ya A1 e a tlhalosang fa e tshabelelwa thata ke dikotsi tsa tsela.
A re bontsi jwa banni ba Serule ba na le meraka gaufi le tsela e, mme ba kgona go iphitlhela ba le mo mathateng a gore dikgomo tsa bone di thulwe ke dikoloi, mme ba felele ba sekela molato oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SERULE
Event : Posolotso
Date : 18 Apr 2021