Bonno bo neela motho seriti- Tshireletso
18 Apr 2021
Mopalamente wa pele wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, a re go nna le bonno go neela motho seriti.
O buile se kwa Mahalapye ka Labone kwa pulong semmuso ya matlo a a neng a agiwa ke khamphane ya Thama Services.
Khamphane e agetse boora Ditlhojane le boora Eti matlo, fa boora Katjiwa bone ba agetswe ntlwana ya boithomelo.
Thama Services e agile morago ga gore komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Mahalapye Central e kope dithuso.
Mme Tshireletso a re go thusa ba bangwe ke sekao sa gore go na le mowa wa kutlwelo botlhoko
A re puso e ka se kgone e le nosi, ka jalo a rotloetsa gore botlhe ba tsenye letsogo mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego.
Mopalamente wa pele a re go na le botlhoki jo bo dirwang ke batho ka bomo, a supa gore, go na le gore motho a lebelele bokamoso jwa gagwe o fetsa madi a gagwe mo nnotaging.
Mme Tshireletso o lebogetse komiti ya ditlhabololo tiro e e dirileng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Boniface Disho, a re ba ne ba kopa thuso mo dikhamphaneng ka go farologana mme Thama Services ya araba selelo sa bone.
Rre Disho a re keletso e ne e le go aga ntlo ya dikamore tse tharo mme Thama ya kopa gore mo boemong jwa ntlo ya dikamore tse tharo e le nngwe go thusiwe malwapa a le mabedi.
A re morago ga kago ya matlo ao, ba ne ba tswelela ka go kopa dithuso gore matlo a seka a abiwa fela a sena sepe mo teng, mme khamphane ya Broadway Motors ya rekela beng ba matlo ao dijo.
Moemedi wa Thama Services, Rre Kabelo Sebele, o supile fa ba le motlotlo gore ba bo ba kgonne go thusa.
A re maikaelelo a bone ke go tlhabolola botshelo jwa motho, mme ba simolola fela ka go fa motho bonno jo bo siameng.
Rre Sebele o kopile komiti ya ditlhabololo go kokota mo dikhamphaneng ba batla thuso gore ba kgone go namola ba bangwe mo lehumeng.
Rre Kamogelo Eti o lebogetse mpho ya ntlo le dijo, a supa fa a itumetse ka gore ga a kgone go itirela ka ntlha ya botsogo jwa gagwe.
Rre Mphemelang Letsweletse, yo e leng moagisanyi, o kopile bana ba lelwapa leo go tlhokomela ntlo e ba e abetsweng, a ba kopa gore le bone ba itsose ba kgone go oketsa se ba se diretsweng.
Mogolwane wa lephata la boipelego kwa khanseleng ya Mahalapye, Rre Ketumile Motlhagodi, o lebogetse se Thama Services le Broadway Motors ba se dirileng, a tswelela ka go kopa gore ba ba kgonang ba tsenye letsogo ka go supega fa botlhoki bo le bontsi mo malwapeng ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : pulo semmuso ya matlo
Date : 18 Apr 2021