Breaking News

Monna o ikaleditse a sena go tlhaba mokapelo

15 Apr 2021

Monna wa dingwaga tse di masome mararo wa Boatlaname kwa kgotleng ya Lenganeng, o bolelwa a ikaleditse morago ga go tlhoka kutlwisisanyo le mokapelo wa gagwe.

Motshwarelela mogolwane wa mapodisi kwa Letlhakeng, Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa o boleletse BOPA fa tiragalo eo e diragaletse kwa Diphuduhudu, kwa moswi a neng a bereka e le modisa, kgwedi ya Moranang e le lesome le bongwe.

Assistant Superintendent Molwantwa o supile fa bobedi joo, bo ne jwa tlhoka kutlwisisanyo mme wa rre a tlhaba moratiwa ka sengwe se se bogale mo sefatlhogong le mo mokwatleng.

Mme yoo go tlhalosiwa fa a ne a tlhaba mokgosi mme wa rre a le botsa phokoje.

Rre Molwantwa a re mme yoo o ne a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Diphuduhudu, kwa ba fetileng ba mo ragosetsa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole mme a feta a robadiwa.

Rre Molwantwa o supile fa monna yoo a ne a bonwa ke mofiti le tsela a akgega mo setlhareng mo mosong wa le le latelang.

Go tlhalositswe fa mme a tswa Diphuduhudu kwa kgotleng ya Madubatse, mme a le dingwaga di masome mabedi le bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 15 Apr 2021