Breaking News

Baithuti ba batla thuso ya botsogo

15 Apr 2021

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motetshwane kwa Serowe, Rre Ontiretse Kenaope a re baithuti ba ba nang le bogole ba ba tsenang kwa sekoleng seo ba tlhoka thuso e e faphegileng gore ba obamele melawana ya COVID-19.

Rre Kenaope yo le ene e leng mo-na-le bogole, o boleletse BOPA fa ba thokana le di sanitizers, diatlana, melora le babereki ba ba rutetsweng tiro ya go tlhokomela bana bao.

Motetshwane ke sekole se le nosi se se amogelang bana ba ba nang le bogole ka dipalo, kwa kgaolong potlana ya Serowe.

Rre Kenaope o boletse fa se na le baithuti ba thuto e e faphegileng ba le masome a mararo le bone, basetsana ba lesome le borataro, basimane ba lesome le boferabobedi mme ba go na le bangwe ba ba buseditsweng kwa malwapeng ba le lesome le bone ka maiteko a go fokotsa dipalo gore ba obamele melawana ya botsogo le go palelwa.

Rre Kenaope a re tiro ya go tlhokomela bana bao e kgolo e batla ba e tshwaraganetse ke batsadi le puso, a bolela fa khansele e ne e ntse e ba thuso mme jaanong ga go sale go tlhagoga COVID-19 ga e thuse jaaka pele.

A re ba tshela ka go kopa dithuso kwa bagwebing ba ba atleng ba ba latlhelele sengwenyana.

A re bontsi jwa bana bao ke ba ba tswang kwa malwapeng a a dikobo dikhutshwane mme go bonala fa kwa malwapeng ba sa thusiwe jaaka kwa sekoleng.

O boletse fa bana ba tlhoka matlwana a borutelo a a faphegileng a ba ka nnang mo go one sentle ba phuthologile.

Rre Kenaope a re keletso ya sekole ke gore bana ba ka bo ba nna mo sekoleng ka fa tlase ga tlhokomelo e e siameng ba na le motlhokomedi sentle jaaka fa go ntse kwa Palapye, Rakops le Maunatlala.

A re go tlhokega fa bana ba ka nnang teng fa ba sa tsoga sentle le lefelo le ba dirang teng ditiro tsa diatla.

A re le fa go obamela melawana ya botsogo e santse e palela baithuti ba bangwe ba ba senang bogole, ba ba-na-le bogle ba e etsi, ba e obamela ka tlhoafalo ebile ba gakolola ba bangwe go rwala dibipa melomo le dinko le go katologana.

O boletse fa ba ntse ba tlhaelelwa ke di sanitizer le melora mme mongwe a thusa.

Rre Kabelo Tawana wa mo-na-le bogole ebile e le moruti le ba lelwapa la gagwe ba ithaopetse go thusa bana bao ka se ba ka se tlhokang.

Bosheng o thusitse ka di sanitizer le didirisiwa tse dingwe.

O kaile fa bana bao bo ne ba sa tsene sekole ka go hapana jaaka ba babangwe mme a belaela gore ba ka nna ba oketsega ka batsadi ba tsweletse ka go kwadisa bana.

Rre Kenaope o boletse fa ba

dirisa khombi e l e nngwefela e e ba tsayang go ya sekoleng le go ba busa.

A re bana ba ba-na-le bogole ba bantsi mme ba bangwe ba ntse kwa malwapeng ka gore batsadi bangwe ga ba na sepe le bone ba ba rontsha thuto, a supa fa kwa metseng e e mabapi, bana ba ntse fela ba sa thusiwe go tla sekoleng.

Bana ba ba-na-le bogole a re ba na le ditalente mme ba tlhoka thuso gore isagong ba itshetse le ba malwapa a bone ka tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 15 Apr 2021