Mapodisi a mo letsomong la selalome
14 Apr 2021
Mapodisi a Tsabong a mo patlong ya monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi yo o neng a tsena ka lenga la seloko morago ga go itseela dikobo ka dikgoka mo mosading mongwe mo motseng oo.
Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David a re ba begetswe tiragalo e, e diragetseng kwa kgotleng ya Mothupi kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo ka malatsi a Papolo ya Morena.
Superintendent Tlhapi–David o ne a tlhalosa fa selalome seo se ne sa thuba letlhaba phefo mo kamoreng ya botlhapelo ya mme yoo wa dingwaga tse di masome a mane le boherabongwe.
O ne a mo tlhaba ka sengwe se se bogale mme morago a itseela dikobo ka dikgoka mo go ene.
Morago ga tiragalo eo monna yo o ne a le botsa phokoje mme mapodisi a sa ntse a boloditse letsholo mo patlong ya gagwe fa ditlhotlhomisao tsone di tsweletse.
O boletse fa mosadi yoo a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong, a thusiwa ke ba bongaka mme morago a gololwa.
Superintendent Tlhapi-David o boletse fa ba sa jesiwe diwelang ke dikgang tsa mofuta oo, a supa fa ka 2019 ba gatisitse di le lesome le bone, lesome le bongwe mo ngwageng o o fetileng mme mo ngwageng ono go fitlha mo nakong ya gompieno ba setse ba kwadisitse di le pedi.
A re go ya ka ditlhotlhomiso tsa mapodisi, bontsi jwa dikgang tsa dipetelelo tse ba itemogetse di dirwa ke borre mme go le gantsi di diragala kwa maitisong a marekisetso a majalwa.
Mabapi le tiragalo eo, Superintendent Tlhapi-David o kopile setshaba go ba thusa mo patlong ya selalome seo se se tlholegang kwa Maralaleng ka go ba loma tsebe le gone go ikela tlhoko ka se le borai.
O ne a tlatsa ka go ba gakolola go nna podi matseba ka dinako tsotlhe le gone go tlhomamisa gore fa ba robala ba lotlela mabati le go tswala matlhabaphefo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 14 Apr 2021