Breaking News

Mokento o tsamaya ka thelelo

14 Apr 2021

Molomaganya ditirelo tsa botsogo mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Gaboelwe Rammekwa a re letsholo la mokento kgatlhanong le mogare wa corona le tsamaya ka thelelo.

Mme Rammekwa o boletse mo puisanyong le BOPA ka Labobedi, gore tsotlhe di apere tshiamo fa e sale letsholo la go kenta bagodi le simolola mo kgaolong eo, kgwedi eno e fera bongwe.

A re mongwe wa bagodi ba ba setseng ba amogetse lemao kwa Tsabong, o ne a nna le ditlamorago tsa go tsewa ke sedidi, mme ba bongaka ba potlakela go mo thusa. Mo nakong eno o  tsogile sentle.

Mme Rammekwa o ne a tlhalosa fa ba tsweletse ka go kenta bagodi mo metseng e megolwane e akaretsa Tsabong, Werda, Middlepits le Bokspits, mme e tlaa re morago ba tsene mo go e mennye.

O boletse fa ba amogetse mekento e le 360, mme ba e kgaogantse ka metse e e mo kgaolong eo.

Fa a ema bagodi ka lefoko, Mme Rammekwa o ne a ba gakolola go tswelela ba sala melawana ya ba botsogo e e sireletsang kgatlhanong le mogare wa corona morago, ka mokento e se kalafi, mme e le go ba sireletsa fela.

Kgosana Stanley Mackenzie o ne a leboga Tautona Mokgweetsi Masisi go bo a emetse setshaba ka dinao.

Kgosana Mackenzie a re se se mo itumedisang segolo bogolo, ke go bona bagodi ba kentwa pele ka e bile e le bone ba ba tshabelelwang ke malwetse a a sa tshelanweng.

O ne a kgothatsa ba ba sa kentwang jaaka ene gore ba seka ba fela dipelo mme ba nne ka tsholofelo gore kwa bofelong go tlaa diragala.

 

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba le lesego kwa Werda ka ba ise ba begelwe dintsho dipe tsa COVID-19, fa e se ba ba tsenweng ke mogare mme ba felela ba fodile.

Mongwe wa bagodi ba ba amogetseng lomao, Mme Lenah Van Wyk wa dingwaga tse di masome a ferang bobedi le botlhano, o ne a supa fa  itumeletse mokento, a leboga puso ka e ba kgathalela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Werda

Event : Mokento

Date : 14 Apr 2021