Breaking News

Charleshill e simolola go kenta

13 Apr 2021

Kgaolo-potlana ya Charleshill e simolodisitse lemao la mogare wa corona ka mafelo a beke. 

E rile mopalamente wa Ghanzi Borwa,  Rre Motsami Motsamai a ntsha la gagwe fa a sena go tsaya lemao a kgothatsa banni ba kgaolo eo go tsaya lemao leo ka dipalo tse di kwa godimo.

A re lemao leo le siama ka gore fa o sena go le tsaya le ritibatsa mogare wa corona mo mmeleng wa motho fa e mo tsene.

Mopalamente Motsamai o lebogetse lephata la botsogo go bona go tlhokafala gore lemao leo le tsewe ke bagolo pele ka gore mogare wa corona o tsena bagolo thata go na le banana mme e bile bontsi jwa bagolo ke bone ba ba tlhokafalang.

Rre Motsamai a re kgaolo ya Ghanzi Borwa e mo palong ya dikgaolo tse di bonyeng molemo wa mogare wa corona le fa o le monnye mme lephata la botsogo le dira bojotlhe gore molemo o goroge mo kgaolong.

Mopalamente o boleletse bagolo gore fa ba sena go tsaya lemao mme ba sa ikutlwe sentle ba tshwaneste go bona ba bongaka ka bofefo ka jaana mebele ya bone e setse e lapile.

Rre Motsamai o kopile ba ba tsereng  lemao go tswelela ka go itshireletsa ka go tlhapa diatla kgapetsakagapetsa le go rwala dibipa molomo ga mmogo le go nna bakatologanye.

Mopalamente o ne a kopa morafe gore o tlogele go gogagogana le mapodisi fa ba kopiwa go obamela melawana ya corona, a supa fa mapodisi ba thusa gore mogare o seka wa anama thata.

O kopile banni ba kgaolo go fetola diemo tse ba batlang go tshela ka tsone.

A re metlha ga se ya maloba go lebeletswe seemo sa mogare wa corona.

O supa fa mogare o bolaile batho ba bantsi, ka jalo a ba kopa go sala morago ditaelo tsa ba botsogo go thibela mogare.

Mopalamente o ne a kopa ba botsogo go etela balwetse ba ba tshwereng ka mogare wa corona mme ba nna mo malwapeng ka gore bangwe ba balwetse bao ba tsamaya mo mebileng ka ba itse fa ba botsogo ba sa ba etele. 

A re seemo seo se dira gore mogare o gole ka dipalo tse di kwa godimo.

Fa Dr Keneth Tamocha a ntsha maikaelelo a letsatsi leo, o ne a kopa bagolo go wela maikutlo ka jaana molemo o, o tshwana le melemo e mengwe.

Ngaka Tamocha a re go dirilwe dipatlisiso mabapi le lemao leo mme go supagetse fa lemao leo le siame e bile le thusa go lwantsha mogare wa corona mo mmeleng wa motho. 

A re batho ba ba tsayang lemao ke bagolo ba dingwaga tse di masome a bosupa le botlhana go ya kwa godimo.

A re puso e dirile jalo go lebeletswe botsogo jwa bone ka e bile ke bone ba ba tshabelelwang ke mogare oo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Mokento

Date : 13 Apr 2021