Breaking News

Go tsaya mokento go supa boikarabelo - Makwinja

12 Apr 2021

Tona mo lephateng la Thuto go tswa kwa Moding Mme Nnaniki Makwinja a re go tsaya mokento wa COVID-19 mo go supilweng ke dipalo tsa batho kwa Kopong go mo tiisa moko ka go lemotshega fa batho ba tsaya botsogo ka tlhoafalo.

Mothusa tona o buile jalo ka Labotlhano, kwa Kopong, morago ga go amogela mokento wa COVID-19 kwa kokelwaneng ya Kopong.

A re gore bagodi ba Kopong le tikologo ba bo ba fitlheletse dipalo tsa batho ba le 786 mo go ba le 1 012 ba ba neng ba tshwanetse go kentwa mo malatsing a mararo, go supa kgatelopele e kgolo le gone go lemoga fa batho ba tlhaloganya fa botsogo jwa bone e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe.

A re o lebogetse bagolo bao go bo ba dirisitse sebaka se ba neng ba se filwe sa malatsi a mararo go tsaya kgato ya go babalela matshelo a bone a mo nakong eno a gomagomediwang ke go tlhaselwa ke segajaja sa COVID-19

Mothusa tona o supa fa a ne a gwetlhega go tsaya kgato ya go tsaya mokento kwa kgaolong ya gagwe go rotloetsa botlhokwa jwa seo mo go ba a tshelang le bone, le mororo gongwe a ka bo a ne a ikgethetse go tsaya mokento kwa mapalamente ba neng ba diretswe thulaganyo teng.

“Ke bonye go le botlhokwa go tla go tshwaraganela thulaganyo e le bagaetsho mo gae gore ba rotloetsege go itse fa mokento wa nako eno wa AstraZeneca e le o o ka re bolokang go hema dintsho le go gatelelwa ke bokowa fa bo tsenye motho,” ga tlhalosa Mothusa Tona Makwinja.

Mafelo a le mararo mo kgaolong ya Lentsweletau/Mmopane e leng, Mmopane, lentsweletau, le Kopong a setse a amogetse mokento, mme tsholofelo e le gore thulaganyo e tlaa fitlhelela mafelo a mangwe mo legatong le le latelang mo nakong e e sa fediseng pelo.

Mookamedi wa setlhopha sa dikokelwana tsa kgaolo ya Kopong, Mme Bethina Mokhawe, o tlhalositse fa thulaganyo ya bone ya go kenta e ne e kgaogantse bagodi ka ditlhopha tse pedi; sa ba dingwaga tse 55-64 e le ba ba nang le makowa a a sa foleng le ba dingwaga tse 65 go ya kwa godimo. 

A re thulaganyo eo e ne e dirilwe go itebaganya le bodiredi jo bo di gogang kwa pele mo go lwantsheng segajaja sa COVID-19, mme e le ba dingwaga tse di tshwailweng fa bangwe ba ba mo ditlhopheng tseo ba tlaa tsenngwa mo dithulaganyong tse di latelang jaaka fa thulaganyo ya mokento e kgaogantswe go tla go dirwa mo magatong  a le mararo.  

Mooki Mokhawe o kaile fa ba ne ba rulagantse mafelo a le mabedi kwa Kopong, kwa kokelwaneng le kwa posong go hema mosuke, thulaganyo e a reng e tsamaile bontle go sena sekgoreletsi.

 O tsweletse a supa fa thulaganyo eo ya malatsi mararo go tswa ka Moranang a supa, e nnile le maduo a a kgatlhisang ka jaana Batswana ba dingwaga tse di maleba ba ne ba iketleetsa, mme seo sa ba tiisa moko ba bo ba itlama go thusa go feta dinako tsa tiro go hema go busetsa batsadi morago ka letsatsi la bofelo.

O tsweletse a supa gore e re ntswa ba gakolotse batsadi fa bangwe ba bone ba ka nna ba itemogela dikai tse di seng maswe di tsamaelana le mhikela jaaka letshoroma le go gotela morago ga go tsaya mokento, mme ga ba ise ba amogele dipego dipe tsa ditlamorago.

Mongwe wa bagodi ba ba nnileng le sebaka sa go tsaya mokento, Mme Margaret Basikere, o kaile fa a itumeletse kgato ya go kenta e a reng e mo fa kagiso gore o tlaa babalesega mo bodiphatseng jwa bolwetse.

“Ke itumetse thata le mororo ke tlhaloganya fa seo se sa dire gore re repise dipante le monnamogolo wa me yo o tsereng kgato mo letsatsing la maabane.” 

Re tlaa tswelela re itshireleditse ka go tlhomamisa go nna ka go katologana le ba bangwe, go tlhapa matsogo kgapetsakgapetsa le gone go dirisa sebolaya megare,” ga bua jalo Mme Basikere. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Kopong

Event : Mokento

Date : 12 Apr 2021