Breaking News

Lotlaamoreng o galaletsa puso

12 Apr 2021

Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong o galaleditse puso go bo e tsweletse ka go tlhokomela setshaba.

O buile jaana ka Labotlhano fa a ne a amogela mokento wa COVID-19 kwa kgotleng ya Good Hope.

Kgosi Lotlaamoreng o ne e a supa fa Barolong ba amogetse mokento ka oo mabedi. 

O gakolotse bagolo ba ba dingwaga tse di masome a supa le botlhano ba go simolotsweng mokento ka bone gore ba tseye mokento mme ba tlhokomologe magatwe a a buang maswe ka mokento o. 

Le fa go ntse jalo, Kgosi Lotlaamoreng o supile fa mokento e se kalafi, ka jalo o ba rotloeditse go tswelela ba sala morago ditaelo tsa ba botsogo tsa bolwetse jo. 

O kaile fa ba bongaka ba rurifaditse fa mokento o siame, ka jalo ba ikente gore ba tle ba kgone go hema mmaba yo. 

Kgosi Lotlaamoreng o ne a supa se ka go ikenta pele e le gone go bontsha morafe wa gagwe gore puso e dira tiro e ntle ya go bona gore botsogo jwa bone bo a tlhokomelwa.

E rile a tlatsa mafoko a kgosi, Mopalamente wa pele e bile e kile ya nna tona, Rre Michael Tshipinare yo le ene a neng a simolodisa mokento mo kgaolong eo, o kaile fa ba itumeletse mokento.

O gakolotse Barolong go tsaya monyetla o ka o tlaa ba thusa go fenya mmaba corona.

O kaile fa bagolo ba santse ba na le seabe se segolo mo setshabeng, ka jalo go le botlhokwa go thusa bone pele. 

Rre Tshipinare a re bagolo ba botlhokwa ka ba na le kitso e e tseneletseng ya go thusa setshaba go itse kwa ba ka yang teng.

 O supile fa motswedi wa botlhale o tsewa mo botsading.

Rre Tshipinare o gakolotse bagolo gore ba tlhokomologe magatwe a a buiwang mo maranyaneng jaaka a facebook a a tlhobosang mokento.

 Rre Tshipinare o rotloetsa botlhe go ikenta ka go ka ba thusa gore le fa mogare wa corona o ka ba tsena masole a mmele a tle a itsetsepele.

O supile fa ba bongaka e le bone ba ba tshwanetseng go reediwa ka ba rutetswe tiro e mme a kopa Barolong go tswelela ba itlhokomela ka mokento e se kalafi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Good Hope

Event : Mokento

Date : 12 Apr 2021