Lenyalo la Setswana le botlhokwa
12 Apr 2021
E ne ya re bosheng, Kgosi Martha Lebang wa Palapye a supa fa a itumeletse tiro ya go nyadisa e le lantlha a e dira fa a sale a tlhongwa kgosi ngwaga o o fetileng Lwetse a rogwa.
Kgosi Lebang o supile fa bangwe ba dumela fa lenyalo la Setswana e le segologolo e bile le dirwa ke batho ba ba senang madi mme a tlhalosa fa le tlhamaletse le molao o le letla.
A re fela jaaka lenyalo le le tshwarwang kwa ga molaodi, lenyalo la Setswana le thaiwa ka go dira merero yotlhe e e dirwang ke batsadi, go kopiwa leina go bo go pegwa, go na le setlankana sa lenyalo, pharologanyo ke gore lone ga le na setlankana sa tlhakanelo dithoto.
O tlhalositse fa go sa nna jaaka bangwe ba akanya gore lenyalo la Setswana ke la batho ba ba senang madi, a supa fa bosheng, a ne a nyadisa kgosi wa Gweta.
Kgosi Lebang a re batho gantsi ba na le go nna mmogo ba sa nyalana mme a ba rotloetsa go nyalana ka nyalo ya Setswana ka bone e le magosi ba teng go dira se ka ebile molao o letla.
Kgosi Cast Matekane, 61, wa Gweta, yo a neng a nyala, o tlhalositse fa lenyalo la Setswana le na le thulaganyo e e siameng. A re o ne a ikopanya le Kgosi Lebang go itse ka tsamaiso ya lenyalo mme a mo rotloetsa go ntsha bogadi gore mosadi wa gagwe a ikutlwe a le motlotlo gape a nne le seriti.
Kgosi Matekane a re o ne a ntsha bogadi Mopitlo a tlhola malatsi a le mane, a sala tsamaiso yotlhe ya lenyalo morago abo a pega maina mme ya re sebaka se se neng se beilwe wela ba ya go folosa.
O supile fa lenyalo le le botlhokwa ka le ruta motho tsamaiso ya setso, go godisa bana mo tseleng e e maleba ga mmogo le go rotloetsa mowa wa bopagano le lorato fa gare ga malapa a mabedi.
“Se se botlhokwa ke gore motho fa a nyala o itse lelapa le a tsenang mo go lone pele ga a nyala,” Kgosi Matekane a tlhalosa.
Monyadiwa, Mme Malebogo Matekane, 49, wa Palapye o tlhalosa fa tsamaiso ya lenyalo la Setswana e le bofefo.
A re ka nako e ba neng ba ile kwa ga molaodi ba ne ba seka ba mo fitlhela mme ba rotloediwa go mo latela kwa Serowe, ke ka moo a ileng a felela a tlhopha lenyalo la Setswana.
Mme Matekane o supile fa a le motlotlo go bo e le mme yo o nyetsweng, a re ba ne ba na le dingwaga di le masome a mararo ba nna mmogo ba sa nyalana.
“Ga ke na bothata le go nyalana ntle le tlhakanelo dithoto ka gore fa go renang lorato teng sengwe le sengwe se apara tshiamo,” Mme Matekane a tlhalosa. Mmamosetsana, Mme Gaobolelwe Lebudi o supile fa a tletse boitumelo go bo ngwana wa gagwe a setse tsamiso ya lenyalo la setso morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 12 Apr 2021