Breaking News

Ba fokotsa sekgwa go lwantsha borukutlhi

11 Apr 2021

Ba mokgatlho wa ntebele-ke-go-lebele wa Marulamantsi kwa Pilane ba tsere tshwetso ya go rema ditlhare tse di fa thoko ga tsela kwa motseng oo ka maikaelelo a go lwantsha borukutlhi.

Fa a bua mo potsolotsong ka Matlhatso, mogolwane wa sepodisi kwa Mochudi, Sub Inspector Distance Thowane, gape e le leloko la mokgatlho oo, o tlhalositse fa borukutlhi mo motseng bo ile magoletsa, ka jalo mokgatlho o bone go tshwanela gore ba fokotse sekgwa ka e le sone se okang dirukutlhi.

O tlhalositse fa bontsi jwa sekgwa seo e le ditsha tse di sa tlhabololwang mme di tshwenya ka gore se kgoreletsa le bakgweetsi.

Sub Inspector Thowane a re gantsi sepodisi se itshwaraganya le ba ntebele-ke-go-lebele go tsamaya mo motseng, bogolo jang bosigo, a tlhalosa fa nako e ntsi ba dira jaana fa kgwedi e fedile ka e le yone nako e metsamao ya batho e leng mentsi ka yone.

A re banni ba Pilane, bogolo jang banana, ga ba sale morago ditaelo tse di beilweng ke ba botsogo go leka go hema bolwetse jwa COVID-19 ka ba tsamaya masigo ba itshietse.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho, Mme Onkemetse Gatang a re ba tlhamile mokgatlho ka Ferikgong morago ga go lemoga fa borukutlhi bo ile magoletsa.

A re maikaelelo ke go fokotsa sekgwa se gane mo ngwageng.

Mme Gatang a re ba na le maloko a feta masome a matlhano, a tlatsa ka go re ba tshwara diphuthego mafelo a kgwedi nngwe le nngwe.

A re tshimolodiso ya ntebele-ke-go-lebele e ba thusitse gape gore ba itsane e le baagisanyi mo motseng, a tlhalosa fa se se godisitse tirisanyo mmogo magareng ga bone.

A re borukutlhi jo bo tshwenyang thata ke go thujwa ga matlo, a tlhalosa fa bontsi jwa dirukutlhi e se Batswana mme ba thusiwa ke beng-gae.

O tlhalositse fa ntebele-ke-go-lebele e le botlhokwa thata, a rotloetsa setshaba go itlhamela mekgatlho ya go nna jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Pilane

Event : Potsolotso

Date : 11 Apr 2021