Breaking News

Ba Letlhakeng ba itumelela mokento wa COVID-19

11 Apr 2021

Moemelakgosi wa Ditshegwane Kgosi Selelo Kelebang, o supile fa ba itumeletse gore mokento wa COVID-19 o gorogile koo. 

O buile jaana kwa kokelwaneng ya Ditshegwane ka Matlhatso jaaka ba botsogo ba ne ba kenta bagolo. 

O tlhalositse fa a itumelela fa bagolo ba tsile ka bontsi go tla go tsaya lemao, a supa fa e le letsatsi la bobedi bagolo ba tsaya mokento. 

O kopile bagolo gore ba itse fa puso e ba kentela go ba sireletsa, e seng go ba bolaya jaaka bangwe ba akanya. Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane Rre Tsabahule Kgotlhang o ne a kopa bagolo go nna ba itshidila mmele go nonotsha masole a mebele ya bone.  Fa a bua ka kgokgontsho ya bong, mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Anderson Mathibe o ne a supa fa a tlhophilwe go nna moeteledipele wa dikgang tsa kgokgontsho ya bong mo Kweneng. 

O supile fa ba itemogetse dikgang tsa kgokgontsho mo Kweneng go balelwa le Ditshegwane. 

O kaile fa kgokgontsho e ka nna kgang ya batho ba babedi ba kgokgontshana ka dipuo le gone go lwa, kana e dirwa ke batho ba bong bo le bongwe kana jo bo farolaganyeng. 

O tlhalositse fa kgokgontsho e ba e itemogelang e le ya borre le bomme ba kgokgontshana ka dipuo, go lwa le go bolaana. 

A re kgokgontsho e dirwa ke borre thata, a bo a kopa borre go rata bomme jaaka lefoko la Modimo le ba laela. O kopile bomme go ikobela borre jaaka Baebele e ba laela. 

Mogolwane go tswa kwa Avani Resort & Casino, Mme Laone Monkge, o ne a supa fa COVID-19 e ba amile thata mo kgwebong. 

Le fa go ntse jalo o supile fa ba tsamaya le lefatshe leno ba leboga batho ba ba theogelang le mo nakong e e thata ya COVID-19 le tswalelo mesepele. 

O supile fa ba simolotse go dira tiro e ka Mopitlo kwa Mahalapye kwa ba neng ba phophotlha legetla mokgweetsi wa koloi ya kokelo e e rwalang balwetsi, yo a neng a tshwarwa ke bolwetse jo mme ya re a tswa mo maibing a jone a tswelela a theogela. 

O tlhalositse fa ba ne ba leboga bakgweetsi ba diteraka tse di rwalang dithoto, batho ba ba pakang dijo kwa marekisetsong a Choppies le ba ba tshelang lookwane. 

O tlhalositse fa ba ne ba ya kwa Mabutsane kwa ba fetileng ba lemela bana ba sekole sa bananyana sa Kanaku merogo le go ba abela dimonamone. 

Mme Monkge o supile fa e rile ba bua le ba Ditshegwane, ba utlwa fa go simolodisiwa go tsaya mokento kwa motseng oo, ba bona go tshwanela go tla go sidila bagolo mmele, go ba abela merogo, dimonamone le gone go ba abela sebolaya mogare. 

Mopalamente wa Takatokwane Rre Friction Leuwe o ne a supa fa go nametsa go bona ba Avani ba tla go ba sidila mmele le go ba abela merogo le dimonamone. 

O supile fa molao o le teng wa gore fa go na le bolwetse jo bo tshelwanang, mongwe le mongwe o tshwanetse a kentwe ka gore fa go sa dirwe jalo batho bangwe ba ba ditlhogo dithata ba ka gana go ikenta mme ba gasagasa mogare. 

O kopile gore ba ikente ba seka ba re ba tsile go bolawa, a supa fa batho ba Motokwe ba ne ba lela ka go re ba tlhaetswe ke mokento, selo se se supang gore ba tsere boikarabelo ka botsogo jwa bone. 

Rre Leuwe o tlhalositse fa ba lole ka tsotlhe gore mokento o tle mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, mme maiteko a bone a seka a felela mo phefong. 

O supile fa mokento o tlaa tswelela o tla, a bo a kgothatsa ba ba iseng ba kentwe go nna ka tsholofelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Mokento

Date : 11 Apr 2021