Breaking News

Tshireletso o di goga kwa pele

11 Apr 2021

Mopalamente wa pele wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o lebogile District Health Management Team (DHMT) ya koo go mo tlhopha go nna mogaka wa go simolola go tsaya mokento wa COVID-19 ka e le boikarabelo jwa botlhe go lwantsha bolwetse.  

O lebogile jaana ka Labotlhano kwa tshimolodisong ya mokento wa COVID-19 kwa Mahalapye.

 Mme Tshireletso o supile fa a le motlotlo go bo ba Mahalapye DHMT ba mo neetse tlotla ya go nna mogaka, a re seo se supa fa ba santse ba mo lemoga.

Mme Tshireletso o kgothaditse setshaba go tsaya maikarabelo a go babalela matshelo a bone, a supa gore mo nakong e, ga go na ope yo o tshwanetseng go supa yo mongwe ka monwana, ka e le maikarabelo a botlhe go lwantsha kanamo ya mogare.

O kopile setshaba gore se dirisane le babereki ba botsogo sentle, a supa gore ba botsogo ba tlhoka kemonokeng ya setshaba ka gore ba tshwaragane le tiro e kgolo.

Mme Tshireletso o kopile setshaba go tswelela ka go sala ditsetlana tse di beilweng morago gore go ya pele, ba seka ba latlhegelwa ke matshelo a bangwe ka bone.

Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o supile botlhokwa jwa go sala ditsetlana tse di beilweng morago, a supa gore ba santse ba tshedile ka ntlha ya gore ba di tshegeditse.  

A re go tsaya mokento wa COVID-19 ke go thusa go fokotsa bogale jwa mogare mo mmeleng, mme go tsaya mokento ga go reye gore batho ba emise go sala melawana e e beilweng morago.

Rre Tshere yo gape e leng modulasetilo wa komiti ya botsogo kwa palamenteng o kgothaditse setshaba gore se tseye mokento, a supa fa e le mongwe wa ba ba setseng ba o tsere.

O tlhaloseditse setshaba gore molemo mongwe le mongwe pele o ka neelwa batho, go a bo go dirilwe ditekeletso go netefatsa pabalesego ya matshelo a batho, ka jalo a tlhomamisa gore ba botsogo ba supa fa mokento o, o sireletsegile.

Mopalamente Tshere o tlhalositse gore go tla ga mokento o, ke tsholofelo ya gore botshelo bo tlaa boela tlwaelong, ditiro tse di ntseng di eme di tlaa dirwa, mme ba sa lebale go tlhapa diatla le go bipa nko le molomo.

O kgothaditse ba itshireletso go bereka le ba botsogo gore go seka ga nna le dikgang tsa gore mokento o nyeletse, gore batho ba Mahalapye le bone ba kgone go babalesega ka go tsaya mokento.

Fa a lekodisa ka seemo sa mogare mo kgaolong, mogokaganyi wa Mahalapye DHMT, Mme Thandie Kgosiesele o supile gore ba ba santseng ba na le mogare mo kgaolong ba lekgolo le masome a matlhano le bosupa, ba ba fodileng ba sekete, makgolo a robabobedi le masome a robabongwe le bosupa fa ba ba latlhegetsweng ke matshelo ba le masome a mabedi le bongwe.

O supile fa mokento o tlaa bo o tseelwa mo dikokelwaneng tsa Airstrip, Xhosa, Moko, Baitiredi le Leetile, ka jalo a kopa bagolo go ya go ikwadisa le go tsaya mokento.

Mme Kgosiesele o supile gore mokento o, fela jaaka e mengwe o kgona go seke o tsaya motho sentle ka gore batho ga ba tshwane, mme e re morago motho a boele mo seemong, a tlhalosa gore fa e ka re morago ga go tsaya mokento motho a tsaya malatsi a sa tseege sentle, o tshwanetse a bona ba botsogo gore a bone thuso ka pela.

Mme Kgosiesele o kopile gore dipalo tsa batho ba ba tsenelelang mediro e nne tse di beilweng ke puso, gore kanamo ya mogare e fokotsege. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Mokento

Date : 11 Apr 2021