Breaking News

Swartz o rotloetsa ba Ghanzi go tsaya mokento wa COVID-19

11 Apr 2021

Banni ba Ghanzi ba kopilwe go tswa mo dikgannyeng tse di senang boammaaruri ka lemao la COVID-19 ka puso e dirisa lemao leo e setse melawana ya mafatshe ya botsogo morago.

Mopalamente wa pele wa Ghanzi Bokone, Rre Johnie Swartz o ntshitse mafoko ao  ka Labotlhano fa go ne go tshimolodisiwa lemao leo mo kgaolong.

 A re puso e eme ka dinao go lwantsha mogare wa COVID-19 mo lefatsheng leno, ka jalo Batswana ba tshwanetse go tsaya lemao leo ka tlhoafalo.

Rre Swartz a re kgaolo ya Ghanzi e na le palo e e kwa tlase ya batho, mme dipalo tsa batho ba ba tshwerweng ka mogare wa COVID-19 e gola tsatsi le tsatsi,  ka jalo e le nako ya gore ba inaakanye le go tsaya lemao le le thibelang mogare wa COVID-19 ka dipalo tse di kwa godimo.

O ne gape a kopa banni ba kgaolo ya Ghanzi go ema ka dinao go ikwadisa  gore ba kgone go tla go tsaya lemao.

A re puso e lekile  gore Batswana ba bone thuso ya molemo wa go thibela mogare, mme go saletse setshaba go emela botsogo jwa bone ka dinao.

Rre Swartz o ne a kopa banana go emisa mesepele  e e sa tlhokafaleng  le go itshwara sentle ka dinako tsotlhe ba setse melawana ya tsa botsogo morago go thibela mogare wa COVID-19.

A re banana ke bone ba ba ratang mesepele mme morago e ba bakele mathata a go tsenwa ke mogare wa corona, mme morago ba ye go tshela batsadi ba bone mogare oo.

 O ne a supa fa bagolo ba sena masole a mmele a a tiileng jaaka a banana, seo se dire gore bagolo ba gatelelwe ke mogare oo, mme o kgone go ba gapela matshelo.

Rre Swartz a re go mo maruding a Batswana go  akola lemao leo le le lethibelang mogare wa bolwetse jwa  COVID-19  a ba rotloetsa go tswelela ba sala melawana ya ba botsogo morago fa ba sena go tsaya lemao leo.

E rile Ngaka Thatayaone Mosina  a ntsha maekaelelo a letsatsi leo a tlhalosa fa lemao leo le siame le sena bothata bope le tshwana le dimao tse dintsi a a leng teng.

Ngaka Mosina a re ba solofetse batho ba le makgolo a marataro le lesome ba tlaa tsaya lemao mo legatong  la ntlha mo kgaolong eo, mme ba ya go simolola ka bagolo ba dingwaga tse di masome a masupa le botlhano go ya kwa pele.

 O ne a tswelela ka go re fa ba sena go fetsa ka ba ba tlaa bong ba simolola ba dingwaga tse di masome a marataro le bone go ya kwa pele ba tsile go nna ba tsaya ka dingwaga go fitlhelela bagolo ba fela mme morago ba simolole banana le botlhe go fitlhelela ba fetsa tiro ya lemao.

Ngaka Mosina a re Batswana botlhe ba mo thulaganyong ya gore ba tle go tsaya lemao leo, ka jalo ba seka ba tshoga ba re gongwe ba ka nna ba tlhaelwa ke lemao.

 Mo malebong, modulasetilo wa khansele ya Ghanzi,  Rre Thata Tshweneyagae o ne a kopa makhanselara a kgaolo ya Ghanzi go anamisa molaetsa  wa gore banni ba kgaolo ba tle go tsaya lemao leo ka bontsi.

O ne gape a lebogela ba botsogo ka fa ba thusang balwetse ba ba tshwarwang ka mogare wa COVID-19 ka teng, a re tiro eo ga e motlhofo.

Modulasetilo  a re ba botsogo ba berekela mo dinakong tse di sa iketlang mme ba eme ka dinao go lwantsha mogare wa COVID-19 ka mowa o montle.

O ba kopile go tswelela ka mowa oo go fitlhelela ba fenya mogare oo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Mokento

Date : 11 Apr 2021