Breaking News

Mmelaelwa a re ga a ipone molato

11 Apr 2021

Monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa Kgotla ya Moeti mo Maun,  Lawrence Sarefo a re ga a ipone molato mo kgannyeng e a  e lebisitsweng ya bogodu jwa koloi.

Fa a itshupa fa pele ga ga Mmakaseterata Keneilwe Kgoadi wa Maun beke e e fetileng, Sarefo o ne a re ga a ipone molato ka a re ga go na sepe se se mo lomaganyang le molato oo.

Go ya ka dintlha tsa molato, go belaelwa fa Serefo  e ne ya re Sedimonthole a le lesome tlhola garataro ka 2020 gaufi le kgotla ya Botshabelo kwa ntle ga tetla a utsw a koloi ya modiro ya Honda Fit ya madi a a kanang ka P26 000 ele ya ga Simon Sherewa.

Rre Paul Basupi wa bosekisi go tswa Botswana Police Service o ne a tlhalosetsa lekgotla fa mosekisiwa a filwe dipego tsotlhe tsa basupi. 

Rre Basupi o ne a re bosekisi bo dumela fa mmelaelwa a tsere koloi eo ka boferefere e bile a ne a sena tetla.

Mmelaelwa o ne a re o kopa go leta tsheko a le kwa ntle ga kgolegelo, a supa fa seemo sa mogare wa caorona se ile magoletsa kwa kgolegelong e bile a re o ne a tsenwa ke mogare ka Tlhakole, selo se a reng se kabo se sa mo diragalela fa a ne a letile tsheko a le kwa ntle.

Le fa go ntse jalo, Mmakaseterata o ne a re seo ga se lebaka la motia la go ka afa mmelaelwa sebaka go leta tsheko a le kwa ntle, a re mogare wa corona o gongwe le gongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Tsheko

Date : 11 Apr 2021