Breaking News

Monna kwa Moshana o ikgapetse botshelo

06 Apr 2021

 Mookamela mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone monni wa kgotla ya Morolong kwa Moshana a itlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo.

Mo potsolosong ka Mosupologo, Supt Matlapeng o boletse fa erile kgwedi eno e tlhola malatsi a mane, mapodisi a begelwa fa go na le motho yo o ikaleditseng, mme ya re ba fitlha kwa lefelong la tiragalo, ba fitlhela monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le masome a mararo le botlhano a akgega mo ntlung ya gagwe.

A re go lebega monna yoo a ikgapetse botshelo morago ga go gapa jwa mosadi mongwe yo a fitlhetsweng mo boidiiding jwa madi go bapa le ree yoo.

Supt Matlapeng a re mme yo ene o dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le botlhano.

A re go lebega fa bobedi joo bo ne bo itsanye ka botlhe ele ba kgotla ya Morolong gone kwa Moshana. 

O kopile setshaba go ikuela mo bogosing, ba boipelego kgotsa baruti gore ba thusiwe mo dipharologanyong tsa bone.

 

Le fa gontse jalo, Supt Matlapeng o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe boitshwaro jo bontle jo ba bo supileng ka malatsi a papolo ya Morena, a bo a re fa baka tswelela jalo, go ka thusa go fokotsa kanamo ya segajaja sa COVID-19.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Potsoloso

Date : 06 Apr 2021