Balemi ba Kgalagadi ba tsibosiwa ka tsie
06 Apr 2021
Molemisi mogolo wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Sebopeng Resheng, a re go begilwe tsie gaufi le lecha la Kang ka Tshipi.
Rre Resheng o tlhalositse mo potsolotsong fa tsie eo, e e leng borokwa ka mmala le matlhasedi a mantsho, e le lantlha ba e bona mo kgaolong ya bone ya bolemisi.
O ne gape a tlhalosa fa go na le dipego tsa matlhasedi mangwe a yone gape kwa Lokgwabe.
A re ba ne ba begela ofisi ya twantsho le thibelo diji, mme le bone ba feta ba supa fa e ne e le lantlha ba bona mofuta oo wa tsie, mme a tlhalosa fa baitseanape ba e tseetse kwa matlhatlhobelong kwa Gaborone go ya go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng.
Rre Resheng a re le ntswa lesika la tsie le tumile ka go senya mo masimong, ka lesego e e sa tswang go begwa a e thibeletse thata mo setlhatshaneng sa mongana.
O tlhalosiste fa ditshekatsheko di santse di tsweletse go bona bokete jwa tshenyo, a tlatsa ka gore ga ba ise ba amogele dipego dipe tsa tshenyo ya tsie go tswa kwa baleming.
Rre Resheng o ne a kopa balemi go tsibosa selemisi fa ba ka lemoga tshenyo nngwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : KANG
Event : Potsoloso
Date : 06 Apr 2021