Masimo a a senang ditlankana kgwetlho
05 Apr 2021
Mothusa kgosi wa Parakarungu, Kgosi Richwell Nkonkwena, a re masimo a a senang ditlankana ke kgwetlho fa go tla nako ya temo.
E rile a amogela lekgotla la kabo ditsha la Chobe le le neng le ile go rerisa morafe ka lenaneo kakanyetso la kabo ya lefatshe, Kgosi Nkonkwena a re go tlhoka ditlankana go letsa banni ka ngwaga nngwe le nngwe ba kwadisiwa dikwalo tse di rurifatsang gore masimo ao ke a bone gore ba kgone go abelwa peo le go bona dithuso tse dingwe.
A re selelo se sengwe ke masimo a boswa a go lebegang lekgotla le le maoto a tshupa go se rarabolola.
Kgosi Nkonkwena o supile gape gore dikgang tse dintsi tse di amang masimo e ka nna poelo morago mo go thuseng lefatshe leno go ntsha dijo.
O kopile ba kabo ditsha gore fa ba lemoga fa ditlankana tse dintsi di sa tsewe ba di kgobokanye mme fa di tshwara palo e erileng ba tsamae le metse ba di neela beng ba tsone.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha, Rre Johane Chenjekwa, o ne a supa fa gantsi masimo a boswa e nna kgwetlho fa mojaboswa a batla go ikokeletsa ka masimo a batho ba bangwe.
A re lekgotla le tlaa buisanya go tla ka tharabololo ya dilelo tse dingwe tsa morafe.
Rre Chenjekwa o ne a bolelela morafe gore lekgotla la kabo ditsha le tsere tshwetso ya go aba masimo ka ditsela a re seo se tlaa dira motlhofo gore balemi ba ka ikopanya go teratelela masimo a bone.
O ne gapa a supa gore seemo sa mabitla kwa Chobe fa se sa elwe tlhoko se ka tswa mo taolong ka jaana bangwe ba boloka mo mafelong a a sa letlelelweng ke molao jaaka mo nokeng.
A re go tshwanetswe go elwa gore malwetse a mantsi ebile go boloka gongwe le gongwe e ka nna tsela nngwe ya go anamisa malwetse ao.
Leloko la kabo ditsha, Rre Andrew Basiamang, o ne a bolelela morafe fa lekgotla le kopa megopolo mo go bone ka le na le dikakanyetso dingwe jaaka gore meraka e abiwe ka nakwana mme ebile e le selekanyo sa 100mx100m.
Rre Basiamang a re lekgotla la kabo ditsha le lemogile fa go aba meraka ya sennela ruri e ka nna kgwetlho bogolo jang fa mongwe wa ba ba abetsweng a batla go fetola tiriso ya lefatshe.
Mme Bwaambo Limbo, yo le ene eleng leloko, a re lekgotla le tlaa tswelela le diragatsa molao wa gore moikopedi a fiwe setsha se le sengwe fela mo lefatsheng la morafe mme fa a na le se sengwe mo mafelong a mangwe ga a na go fiwa gape.
Mongwe wa banni ba Parakarungu, Rre Johnson Mabuta, o ne a ngongoregela gore ga gona molebeledi wa lefatshe mo motseng le gore fa kabo ya ditsha e bulelwa go bewa batho ba eseng bana ba motse.
Rre Serome Baitshepi, yo le ene eleng monni a re o dumalana le molao kakakeyetso wa kabo ditsha mme fela o akanya gore go ka nna botoka fa beng ba motse ba ka segelwa seabe pele go abelwa Batswana ba bangwe.
Rre Conrad Serome ene a re o akanya gore selekanyo sa moraka e nne 300mx300m.
Fa a ba kgwa dikgaba, mokwaledi wa kabo ditsha, Rre Kealeboga Kemoreile, o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso gore Batswana ba nne le tshwanelo ya go kopa setsha gongwe le gongwe mo Botswana.
Rre Kemoreile a re le fa go ntse jalo, go nale mafelo mangwe a go neng ga ntshiwa taolo ya gore beng gae ba nne le seabe se se se seegetsweng fa thoko mme Parakarungu ga se lengwe la mafelo ao.
A re tshwetso eo e ne ya tsewa go lebilwe gore mafelo ao a nna le kopo tse dintsi mme go sena lefatshe.
Rre Chenjekwa ene o tlhalosa fa lekgotla la kabo ditsha le emetse Parakarungu go le neela leina la yo ba mo tlhophileng go nna molebeledi wa lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : Phuthego
Date : 05 Apr 2021