Breaking News

Go tlhoka kitso ka madi go ka tsenya mo diphatseng

05 Apr 2021

Mogolwane wa khamphane ya Money Matters, Mme Edna Dambe, o supile fa go tlhoka kitso ka tiriso ya madi go tsentse batho ba le bantsi mo mathateng.

Mme Dambe  o buile se kwa thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke lekalana la Competion & Consumer Authority (CCA) kwa Selebi Phikwe bosheng.

O ne a supa fa go ikimetsa dikoloto e le selo se se sa siamang ka batho ba kgona go latlhegelwa ke dilo tse di botlhokwa.

Le fa gontse jalo, o ne a rotloetsa ba tsena thuto-puisano go kopa dithuso fa ba ka iphitlhela ba pitlagantswe ke dikoloto.

Mme Gorata Moloise wa CCA o ne a supa fa maikaelelo a thuto-puisano e le go a la moalo go tsibosa boeteledipele jwa toropo ka tiriso ya madi.

A re se, ke go betla tsela gore e re mo nakong e e seng kgakala ba bo ba bitsa ba ba maleba go tla go ba ruta ka mosola wa go boloka madi le tiriso e e maleba ya one.

Mme Moloise o supile fa e ne ya re ka ngwaga wa 2014 ga dirwa dipatisiso tse di neng tsa supa fa 24 per cent ya Batswana ba tlhaela kitso ya tsa madi e tshwana go boloka le kadimo ya one.

A re  go lemogeng seo, lekalana la CCA le kopane le lephata la tsa madi ba ne ba  ikopanya le makalana mangwe a a ikemetseng go thusa Batswana.

Rre Gabriel Maotonyane wa Banking Ombudsman o supile fa maitlamo a bone e le go buelela batho ba ba senang bokgoni jwa go ka duela babueledi mabapi le dikgang tsa madi.

 

 O supile fa go le botlhokwa gore batho ba itse ka lekalana le, a re go le gantsi bontsi bo iphithela bo tsene mo dikgannyeng tse di kabong di rarabolotswe pele di ya kwa makgotla tshekelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : thuto-puisano

Date : 05 Apr 2021