Ba le babedi ba tlhokafetse ba sena go nwa khadi
05 Apr 2021
Mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bomme ba le babedi ba dingwaga tse di masome a marataro le masome a mararo ba tlhokafetseng morago ga go nwa khadi e ba neng ba e itiretse mo lwapeng kwa Hereford.
Motshwaralela mookamela mapodisi a Werda, Assistant Superintendent Joel Sebotho, a re ba ne ba begelwa tiragalo eo kgwedi ee fetileng e le masome a mabedi le borataro.
Asst Supt Sebotho o boletse fa go belaesega fa khadi eo e ne ya nowa ke bomme ba le babedi le monna mongwe mme boraro jo jwa kubugelwa ke bolwetse.
O tlhalositse fa bomme bao, ba e leng motho le ngwana wa gagwe, ba ne ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Hereford mme seemo sa bifela pele ka jalo ba bongaka ba ba fetisetsa kwa kokelong ya Tsabong.
Asst Supt Sebotho o boletse fa e ne ya re kgwedi ee fetileng e le masome a mabedi le bosupa mosadi yo mogolwane a tlhokafala mme mo letsatsing le le latelang ga tlhokafala ngwana wa gagwe.
O boletse fa direpa di ne tsa isiwa kwa Princess Marina go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka.
Asst Supt Sebotho o ne a tlhalosa fa monna wa dingwaga tse di masome aa ferang bobedi le boferabobedi yo le ene a noleng khadi eo a ne a falola ka bobi jwa segokgo morago ga go thusiwa ke ba bongaka kwa kokelwaneng ya Hereford.
O ne a supa fa go tswa mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng e le tiragalo ya ntlha ya mofuta oo ba sepodisi ba e gatisa.
O supile fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse mabapi le tiraglo eo le gore ba santse ba emetse maduo a ditlhatlhobo tsa ba bongaka mabapi le diragalo eo.
Asst Supt Sebotho o ne a gakolola banni ba motse oo le setshaba ka kakaretso go ikgapha mo majalweng a ba a titielang mo malwapeng.
Kgosi Lenyeletse Kgannyeng wa Hereford o supile fa ba sa jesiwe diwelang ke majalwa aa itirelwang mo malwapeng ka a le borai mo botsogong jwa banni ebile a baka dintsho.
Kgosi o boletse fa monna mongwe a ne a neela mosadi mongwe sukiri gore a mo omelele khadi mo lengweng la malatsi mo bekeng ee fetileng mo lwapeng la mosadi yoo.
O boletse fa e ne ya re mo letsatsing le le latelalang mme yo le ngwana wa gagwe wa motsetsana ba a nwa khadi eo mme morago ba kubugelwa ke bolwetse jo bo feletseng bo ba gapetse matshelo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : HEREFORD
Event : Potsolotso
Date : 05 Apr 2021