Balemi ba solofetse thobo ee botoka
05 Apr 2021
Modulasetilo wa Khansele ya Kgalagadi, Rre Hendrick Jacobs, a re o solofela fa thobo e tlaa nametsa kwa kgaolong ya Kgalagadi mongwaga.
O tlhalositse se fa a buisa phuthego ya khansele kwa Tsabong bosheng.
A re fa go tshwantshanngwa le temo ya ngwaga wa madi wa 2019/2020, thobo e tlaa nna botoka ntateng ya pula ee gosomaneng.
A re mo ngwageng wa 2019/20, go ne go lemile balemi ba le 1 496, ba lemile diekere di le 11 36.07 mme ba ntsha dithane di le 3 967.26.
O tlhalositse fa mo pakeng eno, go ikwadisitse balemi ba le 844 mme mo bogompienong go setse go badilwe diekere di le 509.64 tse di lemilweng ke balemi ba le 162 fa dipalo tsa balemesi kwa masimong di santse di tsweletse go bona gore balemi ba lemile dijwalo dife ka selekanyo se se kae.
Molemi kwa Tsabong, Rre Keselobile Gabogatwe, o tlhalositse fa a solofetse thobo e e nametsang ka a lemile diekere tse supa fa a tshwantshanya le tse nne ngogola ebile a itumelela gore o lemile ka terekere a dirisa lenaneo la Integrated Support Programme for Arable Agriculture Development (ISPAAD) e le lantlha.
A re o ne a tsaya dikgakololo tsa balemisi go lema ka ditselana mme o itumelela gore seo se mmereketse ebile o solofetse thobo e e botoka.
Rre Gabogatwe o lemile mmidi, dinawa, lablab, ditloo, ntshe, magapu, maphutshe le marotse mme a re se se mo rotloeditseng go lema ka terekere ke gore pula e nele mo a neng a ikaelela go atolosa temo ya gagwe.
A re mo seemong se se thata sa segajaja sa COVID-19, ba tsweletse ka go sala melao ya ba botsogo morago ka go itshireletsa kgatlhanong le mogare wa corona ka go nna ba rwele dibipa melomo fa ba le mo masimo e bile ba beile lebotlolo la metsi kwa kgororong go rotloetsa go tlhapa diatla kgapetsa-kgapetsa.
O supile fa a lemogile botlhokwa jwa go lema ka ditselana le go tlhokomela temo ka dinako tsotlhe ka gore molemi yo o lemileng ditema tse di kwa tlase o kgona go gaisa yo o lemileng ditema tse dintsi go tswa fela gore tlhokomelo ke e e ntseng jang.
Rre Gabogatwe a re o ithutile fa go tlhagola le go lema ka ditselana go tsenya phefo fa gare ga dijwalo gore di gole sentle le gore go tlhagola mohero go botlhokwa gore dijwalo di seka tsa jewa kana tsa lwela dikotla le mohero.
O lebogetse ISPAAD a re le fa e le lantlha a lema ka terekere, o ntse a tsaya dipeo le manyoro mahala.
“Ke ntse ke lema ka ditonki ke itse gore fa ke tswa fa ke ya go oba letsogo go tsaya lemme le le neng le kabo le filwe mong wa terekere. Madi a ke neng ke a tsaya a mannyennyane thata go na le thobo e ke tlaa e bonang fa ke lemile ka terekere. Ke ikaelela go lema ka terekere go ya pele ka gore maduo a a bonala,” Rre Gabogatwe a tlhalosa.
Molemi yo mongwe kwa Tsabong, Mme Mmadipolasi Mareme a re o lebogetse pula ya monongwaga.
A re temo e botlhokwa ka a tswa kgakala a lema ebile a kgonne go aga ntlo ka thobo.
Mme Mareme o tlhalositse fa a lema ka ditonki mme a filwe dipeo le manyoro ka lenaneo la ISPAAD.
A re e ne ya re go bona pula e le namagadi, a itoma molomo wa tlase gore o tlaa lema go itsa gore a nne mokopi, a supa fa bontsi jwa balemi bo ntse bo sa leme ka ntlha ya bosekaka kwa kgaolong ya Kgalagadi mme monongwaga ba lemile ka dipalo tse di kwa godimo.
A re o itshetsa ka temo ka ga a ise a bereke gope mme botshelo jwa gagwe bo tsweletse pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : phuthego ya khansele
Date : 05 Apr 2021