Pule o lela ka ditsela
05 Apr 2021
Mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, a re seemo sa ditsela tse di gokaganyang metse le tse di mo teng ga metse ga se jese diwelang.
Rre Pule, yo o neng a le mo leetong go lekola ditsela tsa kgaolo ka Laboraro, o tlhalositse fa tsela ya Modipane-Mabalane e le nngwe ya ditsela tse di ka godisang dikgwebo mo kgaolong.
A re kgaolo e tlwaelesegile ka kgwebo ya maungo le merogo, mme seemo sa tsela se babalela balemi le bagwebi.
Rre Pule, yo gape e leng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, a re letlhoko la ditsela ke lengwe la mabaka a a dirang gore dikgwebo di seka tsa tsamaya sentle ka e le tsone di gokaganyang bagwebi le mebaraka.
A re gore itshololelo e tlhabologe, go tshwanetse ga simololwa ka ditlhabololo jaaka ditsela le mafaratlhatlha a ditlhaeletsano.
Fa a tswa la gagwe, tona wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Thulaganyo Segokgo, o tlhalositse gore le ntswa ditsela tse di ne di sa tsenngwa mo lenaneong la ikopelo la ngwaga wa madi, go molemo go di bona gore e re lephata le seka-seka lenaneo la ditsela tse di tlhabololwang abo seemo sa tsone se itsiwe.
A re tsela ya Modipane-Mabalane, e e neng e tsentswe mo lenaneong la go rudisa itsholelo e tlaa dirwa mo ngwageng e e tlang fa madi a ka nna teng.
Rre Segokgo, yo gape e leng mopalamente wa Tlokweng, o tlhalositse fa ditlhabololo le boranyane jwa go dira tsela go tlhoka madi a mantsi ka jalo go botlhokwa gore go tlhomamisiwe gore ditsela di a somarelwa ebile di bewa mo seemong se e leng gore di a tsamaega.
Mogolwane wa tsa ditsela mo lephateng, Rre Modisa Segokgo a re nngwe ya dikgwetlho tse di dirang gore ditsela di tseye nako go baakanngwa ke gore madi a a seegelwang ditlhabololo tsa tsela ga a oketsege.
A re maikaelelo ke gore go baakanngwe tse di senyegileng thata, le ntswa ditsompelo di tlhaela.
O tlhalositse fa lephata le na le lenaneo la Road Conditions Survey le le tlaabong le supa gore ditsela tse di ka kubugelwang ka bonako ke dife. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Loeto
Date : 05 Apr 2021