Mopalamente wa pele o bolokilwe kwa Letlhakeng
05 Apr 2021
Mopalamente wa pele ebile e ne le tona, Rre Boometswe Mokgothu, o bolokilwe kwa Letlhakeng ka Matlhatso.
Mongwe wa dibui kwa phitlhong, Mme Bonki Baeletsi, o tlhalositse fa Rre Mokgothu a supile fa a sa tsoga kgwedi ya Mopitlo e le lesome le bobedi mme ya re mo go le le latelang a ikgogela fa kokelong kwa a fetileng a tshwarwa ka mogare COVID-19 mme a kopiwa go ya go ikokela kwa lwapeng.
O tlhalositse fa e rile ka letsatsi la borataro a simolola go gotlhola mme a ragosediwa kwa Sir Ketumile Teaching Hospital kwa a tlhokafetseng ka kgwedi ya Mopitlo e le masome a mabedi le borobabobedi.
Bangwe ba ne ba supa fa Rre Mokgothu e ne ele motho yo o lerato ebile a le tlhaga.
Rre Matimela Mooketsi o ne tlhalosa fa ba latlhegetswe ke mogwe yo a neng a le botlhale ebile a le tsebe ntlha go utlwa.
Ngwana wa moswi, Mme Tshepo Mokgothu, o supile fa rraabone a ne a le bonolo, a rata bana ba gagwe gape a na le kitso e ntsi.
O tlhalositse fa a ne a ba ruta go ikaga mme se se monate e le gore o tlhokafetse a itse gore bana ba gagwe ba a mo rata.
Monnawe Rre Mokgothu ebong Rre Neo Mokgothu o supile fa a ba godisitse ka jaana rraabone a ne a tlhokafetse ba sale bannye.
Mothusa mokwaledi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Joseph Segopa, o ne a bala molaetsa go tswa kwa go tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Eric Molae o o neng o supa fa a ne a le lesego go bereka le Rre Mokgothu.
O supile fa a ne a le bonolo ebile a o le mowa o montle, se se neng sa dira gore ba felele e le ditsala.
Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape, o ne a bala molaetsa o o neng o tswa kwa go motsamaisa dipuisano tsa palamente le wa Tautona wa lefatshe leno Dr Mokgweetsi Masisi o o neng o supa fa a tsisa matshidiso kwa lelwapeng loora Mokgothu. A supa fa Rre Mokgothu e le lebutswapele la lefatshe leno.
Tautona o ne a supa fa Rre Mokgothu a ne a rata therisanyo, selo se se neng sa dira gore a emele morafe wa gagwe ka lebaka le leleele, go tswa ka ngwaga wa 1984 go fitlha ka 2004.
Rre Mokgothu e ne le ngwana wa ntlha wa ga Rre Dikgolojane Mokgothu le Mme Gabohole Mokgothu kwa kgotleng ya Gasekgalo kwa Letlhakeng. O tshotswe kgwedi ya Mopitlo e le nne ka ngwaga wa 1948.
O tsene sekolo se se botlana kwa Letlhakeng a bo a ya go feleletsa kwa Bakwena National. O ne a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa sekolong se segolwane sa Kgari Sechele kwa a feditseng ka ngwaga wa 1969.
O ne a ya go ithutela borutabana kwa Francistown Teachers College mme ya re a fetsa a ya go nna morutabana kwa sekolong se se botlana sa Maboane le sa Salajwe go tswa ka 1972 go fitlha ka 1974. O dirile dithuto tsa General Agriculture kwa Sebele ka 1974 mme ya re ka ngwaga wa 1975-1976 a ya go bereka e le molemisi kwa Etsha 1-13.
O ne a ya go dira Diploma in Agriculture kwa University of Botswana ka ngwaga wa 1979- 1984 mme a ya go bereka kwa Kweneng Rural Development Association e le General Manager.
Rre Mokgothu o tsene mo sepolotiking kwa ngwaga wa 1984 ka fa tlase ga phathi ya Domkraga mme a tlhophiwa go nna mopalamente wa Kweneng West.
Ka ngwaga wa 1992-1999 o ne a a nna mothusa tona wa dikgaolo, mme ya re ka ngwaga wa 1999-2004 a nna tona wa ditswammung le metsi. Erile ka ngwaga wa 2006 a nna moemedi wa lefatshe leno kwa Geneva-Switzerland.
O tlogela mohumagadi, bana ba basimane ba le babedi, basetsana ba le bararo le bana ba bana ba le bane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phitlho
Date : 05 Apr 2021